Seemo sa itsholelo se kgoreletsa koketso ya dituelo
18 Feb 2014
Mookamedi wa lephata la khiro le bodirelapuso (DPSM), Rre Carter Morupisi a re puso e lebaganwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la madi mme se, se e paledisa go okeletsa badirelapuso madi a dikatso.
E rile Rre Morupisi a buisa phuthego ya badirelapuso ba kgaolo ya Kgatleng kwa sekolong se segolwane sa Molefhi ka Mosupologo, a ba tlhalosetsa fa puso e sa kake ya kgona go ba okeletsa dikatso go ya ka fa dikeletsong tsa bone.
A re go na le bangwe ba ba akanyang gore puso e gana go okeletsa badirelapuso dituelo le ntswa go sa nna jalo ka gonne ga go a lejwa letlhoko la badirelapuso fela, go lebilwe gape mehama e mengwe e e tlhokang ditlhabololo tse di lebaneng Batswana ka kakaretso.
A re baemedi ba puso le ba mokgatlho wa badirelapuso ba tshwanetse ba dumelana ka tse di ka kgonegang mme tse di sa kgonegeng ba di beela fa thoko go fitlhelela seemo se tokafala. Rre Morupisi a re maikaelelo a diphuthego tsa gagwe lefatshe lotlhe ke go lekola badirelapuso mme le bone ba mo itekodise ka mathata a ba kopanang le one mo tirong.
Le fa go ntse jalo a re puso e tshwenyegile thata ka mowa wa pereko o o kwa tlase mo bodirelapusong le tiego ya go isa ditlamelo kwa setshabeng mo go bakiwang ke ditsamaiso tsa puso.
O tladitse ka gore badirelapuso ba tshwanetse ba direla setshaba ka botswapelo le bonokopila ba itse gore ba thusa yone tshaba e ba e hiritsweng.
A re boitshwaro mo tirong ke jone konokono ya bodirelapuso ka setshaba se tla seke se boife go etela diofisi tsa puso go kopa dithuso mo go bone. O tlhalositse gore maitshwaro a a siameng le go isa ditlamelo kwa bathong ga go tlhokane le madi ka jalo tiro e tshwanetse ya dirwa go sa lebiwe kwa morago
A re puso e itse sentle ka tlhaelo ya ditlamelo mo maphateng bogolo jang dikoloi, mme o supile fa madi a bonwe go reka dikoloi le fa ntswa gongwe di ka seke di lekane bodirelapuso jotlhe.
O tsweletse a tlhalosa fa badirelapuso ba tla letlelelwa go dirisa dikoloi tsa bone ka thulaganyo le bagolwane ba bone mme ba tshelelwe leokwana. A re seo se tla thusa go emisa go diya go isa ditirelo kwa Batswaneng ba ba di tlhokang ka nako.
Mo go tse dingwe Rre Morupisi a re e re ntswa badirelapuso ba sa okelediwe madi a dikatso ba tshwanetse ba lemoga gore puso le yone go na le tse e di dirang go ba thusa jaaka madi a botsogo, a go tlogela tiro le a mangwe jaaka a badiri ba ba direlang kwa dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo.
A re puso e sekaseka molao wa khiro wa badirelapuso go bona fa o ka tlhokanang le go fetolwa teng le go tlhalosa tsotlhe tse gongwe bangwe ba sa di tlhaloganyeng sentle. O kopile badirelapuso gore ba sosologe go kwalela ofisi ya gagwe ka diphetogo dingwe tse ba eletsang di ka dirwa mo molaong mme seo se tla thusa go baakanya tse di amang bodiredi ja puso.
O tsweletse a kopa bagolwane ba maphata go tsibogela go araba boikuelo ja badiri go sena tiego ka seo se ka thusa go tsweledisa tiro ya puso bogolo jang fa motho yoo a na le mathata a a tlhokanang le go rarabololwa ka bofefo.
Fa ba mo itekodisa molaodi wa kgaolo Mme Wame Samapipi o supile fa kgaolo ya bone e lebanwe ke tlhaelo e e kwa godimo ya dikoloi mme maphata mangwe a gana go thusana ka dikoloi tsa bone. O tsweletse a re tirisanyo mmogo ya bagolwane ba maphata mo kgaolong e kwa tlase bogolo jang fa go tla mo go amoganeng ditsompelo mo kgaolong.
Rre Morupisi o tlhalositse fa molaodi e le moemedi wa puso mme e bile e le e ne a golaganyang maphata otlhe a puso mo kgaolong ya bodiri jwa gagwe.
O ba lemoditshe fa puso e dule ka lenaneo la koloi e le nngwe mo motseng o le mongwe, e le tsela ya go thusa badirelapuso ba motse oo gore go seka ga nna le letlhoko la go thusa Batswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya badirela puso
Date : 18 Feb 2014






