Breaking News

Dikgang tsa petelelo di a tshwenya

18 Feb 2014

Mogolwane wa  mapodisi  a Tlokweng, Superintendent  Lebalang Maniki, a  re dikgang tsa petelelo di golelang  pele  mo kgaolong ya gagwe, a  supa  fa  ba  setse  ba   begetswe  dikgang  tseo  di robabongwe  monongwaga.

E rile a  lekodisa  ba  lekelana  la  dikgang  la  BOPA, Superintendent Maniki  a  bolela fa  ba tlhotlhomisa  tiragalo   e  mo go  yone,  mosimane wa dingwaga   tse  di  lesome   le   borataro  a neng a betelela  mosetsanyana   wa   dingwaga   tse  di robang bobedi  kwa   Modipane.

O  boletse fa mosimane yoo  a  ne  a  tsena   kwa  ga bo  mongongoregi   mme  a   fitlhela bana ba le nosi ka jalo  a  feta  a   itseela   dikobo  ka  dikgoka  mo mosetsanyaneng   yoo.

Mo  go  tse  dingwe, Superintendent Maniki  o  boletse   fa   ba  tlhotlhomisa  tiragalo  e  mo  go yone  mme mongwe wa  kgotla  ya  Lenganeng  a ikuetseng gore  o beteletswe ke borre bangwe  ba  le babedi  ba dingwaga  tse di  fa gare.

O  tlhalositse fa  boraro joo bone  bo  itiisitse  go nowa bojalwa, mme ba felela  ba  robala mo ntlong  e  le nngwe.

E  ntse  e  le  gone  kwa  Tlokweng  mapodisi  a re ba begetswe tiragalo emo  go  yone mme  wa dingwaga tse  di  lesome le borobabongwe, a   beteletsweng   ke  rre   wa   dingwaga tse   di   masome   a   mararo   le  botlhano, ba   botlhe  e  leng  batswakwa.

Superintendent  Maniki  o  boletse  fa  e rile  ba  tlhotlhomisa  kgang, ba lemoga fa batho bao e le baratani, mme mongongoregi a  ne a patelediwa ke mokapelo o mongwe wa   go   tshwarisa  moratiwa  wa gagwe yo mosha.

Go ya  ka  ditlhotlhomiso  tsa  mapodisi,  rre  yoo  o  ne a  pateletsa mme yoo  go  tshwarisa  moratiwa wa gagwe  yo mosha,  mme  a tshosediwa  a gore  fa  a  sa  mo  tshwarise  o  tla mmolaya.

Spt  Maniki  o boletse fa mme  yoo  a  tla  a  lebisiwa  molato wa  go bolelela modirelapuso dikgang  tse e seng boammaaruri, fa moratiwa wa gagwe ene  a tla a lebisiwa molato wa go tshosetsa.

Spt maniki o boletse fa dikgang tsa petelelo di tshwenya thata mo kgaolong ya gagwe. O kopa borre go tlogela go itseela dikobo ka dikgoka mo go bomme, bogolo jang fa ba bona ba itshietse.

O  kopile   bomme   go  tlogela  go  nwa  phetelela  ka  se  se  felela   se  ba  baya  mo  diphatseng tsa   go  betelelwa.   O kopa bomme gape  go  tlogela  go  fa batho  boroko ba  sa  ba  itse.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 18 Feb 2014