Breaking News

Baithuti ga ba tsee thuto tsia - mothusa mogokgo

18 Feb 2014

Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Kokotsha mo kgaolong ya Kgalagadi, Mme Betty Kgogwane o tshwengwa ke gotlhoka go tsena sekole sentle ga baithuti.

Mme Kgogwane o ntshitse matshwenyego a bosheng mo phuthegong ya kgotla ya maiteko a go rotloetsa morafe go intsha mo lehumeng. Phuthego eo ya kgotla e ne e buisiwa ke mokhanselara wa Lokgwabe, yo gape e leng mothusa modulasetilo wa kgaolo potlana ya Tsabong, Rre Aidoo Leshope.

Mme Kgogwane o kaile fa thuto ele boswa jo motho a ka se ke a bo tseelwe ke ope, ka jalo e tshwanetse go tsewa ka tlhwaafalo. O kopile batsadi go tshwaragana le barutabana mo kgodisong le mo thutong ya bana.

A re e rile ngwaga wa 2013 o ya fifing, baithuti ba le masome a mabedi ba bo ba tlogetse sekolo, mme e rile ngwaga ono o simologa ba le lesome le botlhano  ba boela sekolong.

O tsweletse ka go tlhalosa fa mo nakong ya gompieno ba le masome a matlhano ba sa tsene sekolo sentle, mme ba le supa mo go bone ele baithuti ba lekwalo la bosupa. Fa a tswa la gagwe Rre Leshope are batsadi ba tshwanetse go tsaya boikarabelo mo thutong ya bana ba bone.

O tladitse ka gore thuto e ka thusa thata mo tlhabololong matshelo a banni, go itsa go ikaega thata ka mananeo a puso a nyeletso lehuma.

O rotloeditse batsadi ba batlhoki le ba ba tlhokomelang bana ba dikhutsana go rekegela maikutlo a bana; a re ba tshwanetse go ba pepetletse ka lorato le gone go ba rotloetsa go tsaya dithuto ka tlhwaafalo.

Mokhanselara o gateletse ntlha ya gore bana ke bokamoso, ka jalo ba bontshiwe tsela ba sale bannye. E re ka moono wa leeto lwa gagwe ene e le go lekola banni ka tsa go thabolola metse e e kgakala le ditlamelo, are Kokotsha le ene o ka tlhabologa fa banni ba ka ikemela, ba sa lebe mo pusong hela.

Le fa go ntse jalo, mokhanselara o ne a tshepisa fa a tla bua le ba ba maleba go araba matshwenyego a bone a a akaretsang go baakangwa ga matlo a badirelapuso le letlhoko la metsi.

Mme Chandapiwa Mpolokang, mothusa mokwaledi wa Khansele ya Kgalagadi o ne a garela ka go rotloetsa batsadi go tlhwaafalela bokamoso  jwa bana ba bone.

Are ba emise mogopolo wa gore bana ba segompeno ba tshosetsa ka molao, a gakolola fa molao o ikaegile ka boikarabelo.  “Bana ba na le tshwanelo ya thuto, ba tlhoka kitso go gola ba na le maikarabelo mo sechabeng” o buile jalo.

A re seo se ka fitlhelelwa fa go ka tsosoloswa komiti ya motse e e itebagantseng le go sireletsa bana, ka e ruta ka ditswanelo le kgodiso e e ka fa molaong ya bana.

Kwa bokhutlong Kgosi ya motse ,Rre Samson Kudume o rotloeditse morafe go tlhabolola matshelo a bone, a re ba tsee tsia maiteko a nyeletso lehuma le gone go dirisa dithuso ka fa go tshwanetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Ntau

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Feb 2014