Breaking News

Go itlhatlhobela mogare mmogo go botlhokwa

18 Feb 2014

Baratani ba gwetlhilwe go itlhatlhobela mogare wa HIV ba le mmogo gore ba tle ba kgone go itse seemo sa bone, ka  se ka thusa thata gore ba kgone go emana nokeng le gone go tsena lenaneo la dipilisi tse di ritibatsang mogare.

Mafoko a, a builwe ke modiri mo lephateng la botsogo mo kokelong ya Tsabong, Rre Tebogo Senosi mo moletlong wa dijo tsa maitseboa o o neng o diretswe baratani.

Rre Senosi o tlhalositse fa dipalo tsa malwetse a tlhakanelo dikobo mo kgaolong ya Kgalagadi di le kwa godimo fela thata, ka ba gatisitse dikgang di le 1803 mo ngwageng wa 2012 / 2013. O kopile mongwe le mongwe go tsaya kgato ya go itlhatlhobela malwetse ao ka a na le seabe mo kanamisong ya mogare wa HIV/ AIDS fa a sa alafesege.

O supile fa  dipalo tsa go ima ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga masome a mabedi  di oketsega ngwaga le ngwaga, a kaya fa se ele sesupo sa  gore ga go dirisiwe sekausu, ka jalo go na le kgonagalo ya gore ba ka tsenwa ke malwetse a tlhakanelo dikobo le mogare wa HIV / AIDS.

O kopile ba tsena moletlo oo go tlogela mokgwa wa go nna le bakapelo ba bantsi, a kaya fa e le tsela nngwe ya go jwala mogare sesha. O rotloeditse mongwe le mongwe go nna le boikarabelo le  boikgapho gore ere ka ngwaga wa 2016 go bo go sena dikgetse dipe tse di sha  tsa batho b aba tsenwang ke mogare.

Mme Lebogang Itumeleng  morulaganyi wa moletlo o kaile fa moono mogolo wa letsatsi leo e le go gwetlha baratani le setshaba ka kakaretso go nna le seabe mo go reng ka ngwaga wa 2016 go bo go sena dikgetse dipe tse di sha tsa mogare.

O kopile botlhe ba ba setseng ba itse seemo sa bone sa mogare go nna le boitshwaro jo bo eletsegang ka go tlhoka go anamisa mogare mo go ba bangwe. A re bangwe fa ba na le mogare ba  na le go tlhoka maikarabelo ka go o jwala mo go ba bangwe, a kaya fa go dira jalo go sa siama. O ba kopile go dirisa sekausu  nako tsotlhe ka nako ya tlhakanelo dikobo.

Mme Itumeleng o kaile fa keletso ya bone  e le go tshwarwa moletlo oo ngwaga le ngwaga, e le nngwe tsela ya go tsosolosa lorato le go fetisa melaetsa ka mogare wa HIV / AIDS   le malwetse a tlhakanelo dikobo mo barataning.

Moruti Elina Chifana wa kereke ya Naoith Bible Church o kgothaditse baratani go tia mo leratong ka go ikanya thata mo Modimong ka nako tsotlhe.

A re lorato la nnete ga le boikgogomoso, ga le pelotshetlha  mme le boitshoko ebile  le bopelotelele. Moruti Chifana oba rotloeditse go nna ba itsetsepetse le go emana nokeng   ka nako tsotlhe mo diemong dingwe le dingwe tsa botshelo ka e le lone lorato lwa boammaaruri. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Moletlo wa dijo

Date : 18 Feb 2014