Botsogo konokono
17 Feb 2014
Bagolwane ba komiti e e okametseng botsogo jwa setshaba kwa Ghanzi ba kopile banni ba kgotla ya Morama go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone ka ba re ke jone konokono mo botshelong jwa motho .
E rile ba bua mo phuthegong ya kgotla ka mafelo a beke, baoki go tswa kwa sepateleng se segolwane sa Ghanzi ba supa fa kgaolwana ya Morama e le yone e amegang thata ka dipalo tsa malwetse ka go farologana.
Mongwe wa lekoko leo, Rre Unaswi Segole a re mo kgaolwaneng ya Morama dipalo tsa bolwetsi jwa kgotlholo e tona, di kwa godimo fela thata, seemo se a reng ga se jese diwelang.
A re kgaolo ya Ghanzi go supega e le yone e di gogang kwa pele ka bolwetsi jwa kgotlholo e tona ka ngwaga le ngwaga ba gatisa dipalo tse di magareng ga 200 le 300. A re se, se a tshwenya ka gore mo dipalong tse, bontsi jwa balwetsi o fitlhela gape ba na le mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS.
O rotloeditse banni ba Morama go itlhatlhobela bolwetsi jwa kgotlholo e tona, ka a re bo a alafesega. A re bangwe ba balwetsi ba kgotlholo e tona ba loba batho ba ba nnang le bone mme a supa fa go sa siama ka ba a bo ba tsenya batho bao mo diphatseng tsa go tsenwa ke bolwetse.
Rre Segole o kopile banni gore ba seka ba emisa go nwa dipilisi ka go rata ga bone ba sa laolelwa ke ba bongaka.A re go dira jalo go ba tsenya mo diphatseng ka bolwetsi bo felela bo gola mo bo feletsang bo palela kalafi.
Rre Bernard Khomba ene, o rotloeditse banni go dira loaro lwa bo rrre,a gatelela fa loaro lo, lo fokotsa selekanyo sa go tsenwa ke mogare wa HIV gammogo le malwetsi a tlhakanelo dikobo. O tsweletse a re letlalo le la borre ke lone le oketsang mathata ka le huparela megare ka kwa teng ga lone, mme ka jalo megare e ntsifale e bake malwetsi a tlhakanelo dikobo.
O rotloeditse banni go rupa ka a re rre yo o rupileng o phepa e bile o babalesegile.A re ele ba bongaka, ba leka ka bojotlhe go fokotsa dipalo tsa malwetsi a tlhakanelo dikobo mme a tswelela ka go golela pele ka bontsi jwa batho ba sa tsenelele mananeo a a itebagantseng le malwetse ao. Mme Gaobotse Monnatlhare ene o rotloeditse banni go tsenelela lenaneo la katoloso tsholo ka a re ke selo se se siameng.
A re batsadi ka bobedi ba tshwanetse go rerisana mo go tsa katoloso tsholo go itsa kgotlhang fag are ga bone. Fa ba akgela banni ba re go ka bo go ne go le molemo fa bodiredi jwa kokelwana ya bone bo ne bo le teng ,mme ba supa ba itumelela thata go bo ba kokelo ba bone go le maleba go tla go bua le bone ka dikgang tse.
Mongwe wa banni o supile fa a le kgatlhanong le gore bana ba nneelwe diritibatsi tsa bolwetsi jwa AIDS ba sa itse, ka a re fa ba ka rerisiwa go ka nna motlhofo gore e re molwetsi wa go nna jalo a tlogetse go nwa dipilisi ba itsise ba bongaka go santse go na le nako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omogolo Hans
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Feb 2014






