Breaking News

Banni ba Khawa ba rotloediwa go ipelega

17 Feb 2014

Banni ba Khawa kwa kgaolong ya Kgalagadi ba rotloeditswe go ikemela ka dinao go tlhabolola matshelo a bone. Se  se  builwe  ke mothusa modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre Aidoo Leshope bosheng. 

Rre Leshope o kaile fa maikemisetso a  lenaneo  la “affirmitive action,” ele go tlhabolola metse e e kgakala le ditlamelo. Lenaneo le, le le simolodisitsweng semmuso ka ngwaga wa 2010 le tsweletse ka go tlhabolola metse e mennye gore e seka ya salela kwa morago.

Rre Leshope o  gateletse  gore ngwaga o ke wa bone wa  go itlhabolola, go setse ngwaga tse thataro hela mo go tse di  lesome gore banni ba bo ba tshela botoka go ya  pele.

Go ya ka pego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Khawa, dikgang tse di itumedisang ke gore bana ba batlhoki le dikhutsana ba isitswe dikolong tsa ithutelo ditiro di akaretsa; New Era College, ABM University , GIPS, Kgalagadi South Brigade, Kgatleng Brigade le Tshwaragano Brigade.

Le gone gape bangwe ba batlhoki ba  agetswe matlo, fa  lebentlele la koporase go kaiwa fa le tsweletse sentle ka banni ba reka tsotlhe tse ba di tlhakokang mo go lone.

Mokwaledi wa komoti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Annah Osenoneng o boletse fa banni  bangwe ba santse ba emetse go tla go sekasekwa gore ba tle ba bone dithuso tsa nyeletso lehuma.

E rile a araba banni ka kgang ya polasi Rre Leshope o ne a ba tshepisa fa a tla romela baemedi go tswa khanseleng go tla go reetsa dikeletso tsa bone mabapi le polasi mo nakong ya dibeke tse pedi.

Mothusa modulasetilo o rotloeditse  banni gore ba nne pelo telele, mme  ba iteke fa go kgonegang teng gore e re fa puso e kgonne e fitlhele ba ntshitse tema. O ne a tlatsa ka go gatelela thata gore ba ipelege  ba dire se mogologolo a se buileng sa mokodue go tsoswa o o itekang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Ntau

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya motse

Date : 17 Feb 2014