Breaking News

Bomme ba gwethilwe go itsetsepela

17 Feb 2014

Bomme ba kereke ya Roma le  dikereke tse dingwe ba gwetlhilwe go itsetsepela mo tumelong.

Ba kgothaditswe go rapela le go ikanya Modimo ka dinako tsotlhe ka seo se ka thusa go fenya dikgwetlho tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo manyalong.

Mafoko a a builwe ke Moruti Steven Molefi, mogakolodi wa semoya wa kopano ya ga Mme Maria kwa Gaborone mo dithutong tsa bokopano jwa bomme ba kereke eo mo Tsabong bosheng. Moruti Molefi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa moono wa letsatsi leo e le Mme Maria Motshegetsi wa Lelwapa.

O supile fa mme go tswa goo-Lowe e le ene yo o tlhokomelang lelwapa ka nako tsotlhe le gone go godisa bana. O ne a tlhalosa fa go tswa kwa tshimologong le mo Baebeleng mme a tshwantshiwa le Maria mmaagwe Jeso. 

Moruti Molefi a re bomme ba tswa kgakala ka go tshwara thipa ka fa bogaleng. Ka a ne a nna a tlhagelela thata mo diemong tse di bokete di tshwana le tsa tsholo le go oka malwetse a a farologaneng. A re gantsi bomme ke bone ba ba tutelang ka kutlobotlhoko mo malwapeng mme ba itshokele seemo seo lebaka le leleele.

O ne a kopa mme mongwe le mongwe go itshekatsheka mo go ageng lelwapa la gagwe gore e nne la motia, ka go le bontsha botlhokwa jwa Modimo mo botshelong jwa tsatsi le letsatsi. A re gape seo se ka thusa go fokotsa go thubega ga malwapa.

O ne a supa fa tse dingwe di ka bo di sa nna teng fa di ne di nnetswe fatshe tsa rarabololwa ka dikgakololo tsa semoya le tumelo. O ne a rotloetsa popagano, tshwaragano le tlotlo fa gare ga borre, bomme le bana gore go nne le kagiso mo malwapeng a bone ka dinako tsotlhe.

O ne a kopa bomme go itshwarela borre le gore ba fetole ka fa ba buisanang ka teng le borre fa pele ga bana ka seo se ka thusa thata mo kagong ya bana fa ba setse ba na le boikarabelo go aga malwapa a a nonofileng e bile a tiile.

Fa a ntsha lefoko la gagwe la kgothatso, Rara Tefo Bolokwe o ne a tlhalosetsa batsena dithutopuisano tseo ka botlhokwa jwa bomme go tswa fela mo tshimologong ya botshelo.

O ne a ba a ntsha dikai tse dintsi mo Baebeleng tse di fang bokao jwa bomme, a supa gantsi fa ditiragalo tse di botlhoko di ama bomme go na le borre.

O ne a tshwantsha lolwapa le maotwana a pitsa a mararo a re ga a a tshwanela gore a reketle mme a itshwarelele ka dinako tsotlhe.

Rara Bolokwe o ne a gwetlha bomme go emana nokeng mo dinakong tsa dipitlagano le gore ba nne le nako ya go thusa ba bangwe mo go rarabololeng dikgang tsa malwapa.

Go le pele fa a amogela baeng, modulasetilo mo kerekeng ya Roma, Mme Matshidiso Masedame o ne a gwetlha bomme ba kereke eo go tsaya dithuto tsia ka e le bone ba gantsi ba kokonelwang ke manokonoko a malwapa a a se nang kagiso.

O ne a supa fa ba tshwaretse dithutopuisano tseo mo Tsabong morago ga gore bomme ba mokgatlho wa ga Mme Maria ba ikopele go tla go tsosolosiwa. 

Mo molaetseng wa gagwe wa pulo semmuso wa bokopano joo, mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre John Toto o o neng o balwa ke mokwaledi wa gagwe, Rre Pius Tumaeletse o ne o supa fa bokopano joo bo le botlhokwa ka bo ka solegela malwapa ka bontsi molemo ka go tsisa thitibalo le kagiso ya lodulo lo lo siameng.

Mo molaetseng wa gagwe mopalamente Toto o ne a gatelela gore lorato lwa motia ke lolwapa lo go renang kagiso mo go lone mme a gwetlha bomme go ikaega ka lefoko la Modimo ka e le lone tharabololo ya marara mo matshelong a bone fa ba o rapela ebile ba o tshepha.

Bokopano jo bo ne bo tsenwe ke bomme ba batiakone go tswa kwa Kgatleng, Gaborone, Kweneng, Borwa Botlhaba, ga Ngwaketse, Jwaneng, le Kgalagadi Borwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Bokopano jwa bomme

Date : 17 Feb 2014