Khansele e amogetse P301.4 m
17 Feb 2014
Khansele ya Borwa e amogetse P301.4 m mo kabong ya madi a ngwaga wa 2014/2015.
Modula setilo wa komiti ya madi wa khansele eo, Rre Kagiso Mosarwane a re khansele e ne ya ikopanya le makgotla a a ikemetseng ka nosi go itirela madi, mme a kopa gore e tswelele ka go akanya ka ditsela tse dingwe tse e ka tsenyang madi ka tsone mo letloleng la yone.
Rre Moswaane a re morokotso o o bonweng mo mading a a beilweng, ke one o tsenyeditseng khansele madi a mantsi a P5.5 million, o fetile dikatso tse di tswang kwa go hiriseng matlo tse tsone eleng P4.5 million. A re se sengwe se se tsenyeditseng khansele madi ke go abiwa ga diteseletso ka P725.150, go bo go latela matimela ka P610.850.
O tsweletse a re madi a a tswang mo matimeleng a ile tlase ka gonne go disa dikgomo tse di timetseng go ne go tura fela thata mo nakong ya leuba le le fetileng ka jalo ba bona go le botoka go tshwara dikgomo di le palo potlana fela.
A re khansele e ntshitse P38 million go baakanya mafaratlhatlha a ditlhaeletsano. Rre Mosarwane a re se se tsayang madi a mantsi thata mo khanseleng ke tlhokomelo ya babereki le tsamaiso ya khansele ka P82.6Million, go bo go latela tsa boranyane ka P57.2 million, fa lephata la boipelego lone le tsaya P54.9 million
Fa a akgela mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Alec Seametso, o supile matshwenyego a gore lephata la boipelego le okelediwa madi ngwaga le ngwaga le fa ntswa go nale mananeo a nyeletso lehuma.
Le fa go ntse jalo o rile o lebogela go bo dikoloto tsa khansele di le kwa tlase go nale mo nakong e e fetileng. O ngongoregile ka bagwebi ba ba isang ditlhwatlhwa kwa godimo fa ba rekisetsa puso.
Mokhanselara Ponatshego Tshiping wa Moshopa legare ene o gakolotse khansele go isa madi a ba neng ba ikaeletse go baakanya ka one kwa mananeong a nyeletso lehuma., a tlhalosa fa lehuma le ntse le tokafala.
Rre Patrick Ralotsia, mokhanselara wa Ntsweng Bophirima ene o supile fa go rua dikoko tsa Setswana go sena dipoelo dipe a bo a tlatsa ka gore madi a abetsweng go baakanya ditsela mo Kanye a mannye fela thata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : KANYE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 17 Feb 2014






