Kwa Mosetse ba batla ditlamelo
17 Feb 2014
Banni ba Mosetse kwa kgaolong potlana ya Tutume ba ikuetse mo go tona wa tsa pereko le selegae Rre Edwin Batshu ka letlhoko la ditlamelo.
Ba buile seo mo phuthegong ya kgotla e eneng e buisiswa ke Rre Batshu kwa motseng oo Labotlhano, Tlhakole a tlhola lesome le bone. Banni ba supile fa ba ofisi ya mosepele le boagedi, gammogo le ba ofisi ya tsa pereko ba sa tsise ditlamelo kwa go bone.
Kgosi Opelo Ntshwarelang, o boletse fa motse wa Mosetse o tletse ka dikhamphani tse di sa dueleng batho. O kopile ba ofisi tse pedi tseo go ba etela go tla go utlwa ka matshwenyego a batho ba kopanang le one le go ba ruta gore ba ka tsaya kgato efe fa dilo di sa diragadiwe sentle.
Kgosi Ntshwarelang o supile dikompo tse tsa badisa dikago tse di direlang koo ka monwana, a kaya fa di sa duele baberi ka nako, a tlatsa ka gore motho o kgona go nna kgwedi tse pedi a sa bone dituelo tsa gagwe.
“Ga gona motho yoo ka berekang fela a sa duelwe mme a tsoga tsatsi le letsatsi a re oya tirong. O rekela bana dijo ka eng?” ga rialo Kgosi Ntshwarelang.Kgosi a re o sale jaaka a bona ba lephata la tsa Pereko ka ngwaga wa 2012 e be nna go ne gotlhe, mme puso ya re ditlamelo di latele batho kwa ba leng teng.
Fa a tswelela, kgosi o supile fa metsi a Mosetse a le letswai le le botlhoko, a re ebile ba setse ba gelela metsi kwa Maitengwe a anowang. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Mokgadi Pie, a re kokelwana ya bone e nnye, ka jalo a kopa gore e atolosiwe gore e tle e kgone go belegisa.
O tsweletse ka go tlhalosa fa ba kopa gape polokelo ya dipilisi tsa diritibatsi le gore dikatso tsa bone di sekasekwe, ka e le bone palamente ya motse. O lebogetse lenaneo la nyeletso lehuma, le a kaileng fa le tsamaya sentle mo kgaolong ya bone, a tlatsa ka gore go na le batho le ba le lesome le bobedi go ya kwa Jamataka .
A re ba setse ba agile matlo ale lesome le motso a dipetso tsa tlholego le ntlo e le nngwe ya lenaneo la ga tautona la go agela batho matlo. Fa araba mangwe matshenyego a bone, mogolwane go tswa kwa ofising ya tsa Pereko, Rre Lakidzani Masedi, a re go boammaruri ba na le sebaka ba sa bonale, bothata ele letlhoko la koloi, mme o ne a ba tshephisa gore o tla ba etela pele ga ngwaga wa madi o fela.
A re batho ba tshwanetse go ithuta gore fa ba thapiwa ba tshwanetse go nna le ditumelano gore e re kamoso go bo go na le motlhala.Rre Batshu o ne a ya go abela kokelo ya Maitengwe dikhethene morago ga go e etela mme a bona e sa kgatlhise. A re batho ba tshwanetse go busetsa mowa wa boipelego ka gore puso tota ga e kake ya kgona e le nosi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Feb 2014






