Breaking News

Kokelo ya Palapye e mosuke

17 Feb 2014

Mo leetong la gagwe la go lekola dikokelo tse di potlana le bodiredi jwa tsone, mothusa tona wa botsogo, Dr Gloria Somolekae o lemogile seemo se se ngomolang pelo kwa kokelong ya Palapye, se a reng ga se farologane ka gope le sa kokelo ya Bobonong.

Morago ga go tsamaisiwa le dikago tsa kokelo, mothusa tona o ne a kaya fa go ipeyeng mo seemong sa bogogi jwa kokelo eo, seemo se ba leng mo go sone se ngomola pelo, ka ba berekela mo sepitlaganyaneng e bile ba tlhaelelwa ke malao a balwetse.  A re seemo seo se ka kgoba baoki le dingaka marapo.

Le fa go ntse jalo, mothusa tona o ne a tlhalosa fa tota seemo se se lebeletswe, a tlatsa ka gore seemo sa itsholelo le sone ga se ise se siame e bile gape bontsi jwa madi a a kabong a dirisiwa go aga le go tlhabolola dikokelo a dirisiwa mo diritibatsing.

O kaile fa a tlhaloganya selelo sa bone, ka tota kokelo ya Palapye e dikaganyeditswe ke metse ya Tswapong, le gone gore e mo tseleng e tona e e lomaganyang ditoropo tse pedi; seo se raya gore e arametse mathata otlhe a dikotsi tsa tsela ya A1.

E ne erile gole pele Dr Workneh Tesema a lekodisa mothusa tona, a supa fa Palapye ena le dikgaolo tse di ntshang ditlamelo tsa botsogo di le masome a mane le bobedi, mo palong eo ele yone kokelo potlana ya Palapye, dikokelwana tse dikgolwane di roba bongwe; mo go tsone di le pedi di na le matlo a pelegi, dikokelwana di le masome a mabedi le bobedi le mafelo a nakwana a go lekolelwang balwetse mo go one ale lesome.

Dr Tesema o ne a re motse wa Palapye o thusiwa ke yone kokelo potlana ya Palapye le dikokelwana tse dikgolwane dile nne tse di berekang bosigo le motshegare go sena boikhutso.

O ne gape a re e nngwe ya dikokelwana tse dikgolwane ke ya Lerala, e le yone ba rileng ga ena boroko, e bereka bosigo le motshegare.

Dr Tesema le bangwe ka ene ba ne ba supa fa gona le dikokelwana tse di ikemetseng di le supa le tse pedi tsa ba Motlakase le Morupule.

Ba ile ba supa fa dikokelwana tse dikgolwane tsa kgaolo dina le lenaneo la go abiwa ga diritibatsi, gammogo le la go kganela mogare go tswa kwa go mmangwana go fetela kwa leseeng, le ba reng le dira sentle thata.

O ne a supa fa a mangwe manananeo a go isa ditlamelo kwa bathong ka fa tlase ga lekalana la tsa botsogo la District Health Management Teams le one a tsweletse sentle.

O ile a supa fa tiego ya melemo go tswa kwa Gaborone e ngomola pelo, mme a tswa ka mogopolo wa gore go busediwe seemo sa pela sa gore dikokelo di ithekele melemo.

Ka seemo sa tlhaelo ya matlo a bookelo, a re go botoka ba dikago ba thuba matlo a a teng go a oketsa, go sa ntse go emetswe go agiwa kokelo. 

A re go nne le madirelo a kgaolo a a lebaganeng le go baakanya didirisiwa tsa dikokelo, a tlatsa ka go supa fa seipone sa X-ray se sa bereke, le lone letlhoko la dikoloi.

A re dikoloi tse di leng teng di nna fela kwa mathulelong a dikoloi tsa puso, a bolela fa seo se tsenya matshelo a balwetse mo diphatseng.

Le fa mathata ale teng, ba ne ba lebogela tse puso e di dirileng go tlhabolola lekalana la botsogo mo dikgaolong, jaaka mo kgaolong ya bone tsela e e ba lomaganyang le e tona e adilwe ditena le go okediwa ga bodiredi jo bo rutetsweng tiro ya go lwantsha tshenyetso setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Leeto la ga mothusa tona

Date : 17 Feb 2014