Breaking News

Mothusa tona o tswa go thula matlotla

16 Feb 2014

Go tlhoka thulaganyo ga bodiredi jwa ofisi ya temo-thuo kwa  Lentsweletau go kgoreleditse maiteko a go etela mananeo otlhe a lenaneo la nyeletso lehuma kwa motseng oo.

Mothusa tona wa madi le ditogamaano tsa ditlhabololo, Rre Vincent Seretse o ne a rulagantse go etela ditiro tsa nyeletso lehuma tse di akaretsang ditshingwana tsa merogo mo digotlong, thuo ya dihutshane, baroki le ba kapei mo kgaolong ya Kweneng Botlhaba.

Maiteko ao kwa Lentsweletau a ne a sa atlega ka jaana bodiredi bo ne bo sa iponatsa le fa e le go dira thulaganyo ya go nna teng ga beng ba ditiro tseo.

Le fa gontse jalo, mothusa tona o ne a tswelela ka go ipontsha ditshingwana tsa merogo le fa bontsi jwa merogo bo ne bo sule mme go se na tekodiso ya tse di kgoreletsang katlego.

Ke tshingwana e le nngwe fela ya ga Mme Ikgopoleng Rapai e mong wa yone a kgonneng go iponatsa ntle le gore le yone e ne e kaega e sule ka mabaka a go kgorelediwa ke go tsena sekole le go tlhokomela ngwana to o lwalang tlhaloganyo mme a patelesege go phuaganya tshingwana ya merogo e e neng e mo leretse botshelo.

Ntlha eo e ne ya hakgamatsa  mothusa tona gore lephata la boipelego le ikgatholositse go thusa mme yoo ka jaana go raya gore ngwana o tsena sekole se se sa mo solegeleng molemo ka jaana se se na ditlamelo tse di lebaneng seemo sa botsogo jwa gagwe.

Le fa go ntse jalo, mothusa tona o ne a kanoka masingwana a le matlhano ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma le fa a ne a kgorelediwa ke go sa nna teng ga modiri yo o lebaganyeng ka go bo a ne a sa tla pitsong ka a ne a sa tsoga.

Maiteko a go kopa modiri yoo go tla kwa kgotleng a ne a seka a tswa dipe fa mothusa molaodi wa Kweneng, Rre Delva Ghanie a ne a boelela kwa go ene makgetho a le mararo mme go ntse go sa tswe dipe. Rre Seretse o ne a sala a eme tlhogo a re o dumela fa kitsiso ya loeto lwa gagwe e tsile ka nako. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Leeto la ga Tona

Date : 16 Feb 2014