Breaking News

Tladi e bolaile dihutshane

16 Feb 2014

Rre mongwe wa dingwaga tse di masome a matlhano le boferabobedi o setse a iphotlhere morago ga gore dihutshane tsa gagwe di ganyaolwe ke tladi kwa Maleshe mo kgaolong ya Kgalagadi.

Rre Titus Mokhwanye a re e rile Tlhakole a tlhola lesome le bobedi ka nako e ka nna ya boraro mo tshokologong ga tlhaga maru a a neng a lebega a sena matshosetsi. A re mogo tsamaeng ga nako ga tla mosarasarane wa pula mme kgabagare tladi ya ratha.

Morago ga go kgaotsa ga pula, a re one a gakgamadiwa ke go bona leruo la gagwe le gasamane le naga le sule. Rre Mokhanya a re go sule dinku dile lesome le bosupa le dipodi di le masome a mane le boraro.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa tiragalo e e se la ntlha e ba diragalela ka e kile yare ka ngwaga wa 2010 tladi ya itaa mo sakeng la gagwe mme ya bolaya dipodi dile masome a matlhano. Rre Mokhanya a re leruo la gagwe ke le a ntseng a le ikokotleletsa, le lengwe ele le a thusitsweng ka lenaneo la LIMIT.

Rre Mokhanya a re o setse a tswa go begela la lephata la temo thuo mme fela ba mo tlhalosetsa go ratha ga tladi ele dibetsa tsa tlholego ka jalo go sena sepe se ba ka mo thusang ka sone.

Rre Manguba wa lephata le temo thuo a re lephata ga gona sepe se lephata le ka se dirang go thusa Rre Mokhanya ka tladi ele dibetso tsa tlholego.

Are se ba ka se dirang ke gomo fitisetsa ko go ba boipelego gore ba mo sidile maikutlo .Rre Manguba are o rotloetsa botlhe ba ba ka tswang ba swetswe ke leruo ka ntlha ya tladi gore ba di tshube go na le go di ja ka di sa siamela go jewa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Oteng Gabankalafe

Location : MALESHE

Event : Potsolotso

Date : 16 Feb 2014