Breaking News

'Tsayang boikarabelo'

16 Feb 2014

Banni ba Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go  tsaya boikarabelo le go nna le seabe mo go fokotseng kanamo ya mogare.

Mafoko ao a builwe ke modulasetilo wa komiti ya malwantwa, Rre Mafoko Dingaka. Rre Dingaka o supile fa komiti e ikemiseditse go ruta batho ka metlhale yotlhe go tlhatlhelela banni ba motse oo ka kanamo ya mogare gotswa kwa go mmagwana goya kwa leseeng.

O supile fa komiti e dira e itebagantse le letshego la tebelopele ya setshaba la 2016 le le reng tshaba e e itekanetseng.O tlhalositse fa ba dule letsholo ba tsamaya ntlo le ntlwana go gasa molaetsa ka malwetsi a masha a dikobo segolobogolo segajaja.

E rile fa a ba ema ka lefoko modiri wa Tsholofelo Trust Mme Talelo Dinoge o ne a kgotlhatsa komiti ya malwantwa go tlhabana kgatlhanong le bolwetsi jwa segajaja jaaka leina la bone le supa ele malwantwa. O ne a supa fa a solofela  gore boleng teng jwa komiti eo botla fokotsa dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare ka mmetela kwa motseng oo.

Mme Dinoge o ne a abela komiti  eo kapari  e ba tla e aparang fa ba tsamaya ntlo le ntlwana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego

Date : 16 Feb 2014