Tlhagala e tla a butsologa
16 Feb 2014
Ba bosekisi ba gomagometsa go bula sesha kgang e mo go yone banna bangwe ba neng ba sekela go itaya le go gobatsa mme ya tshololwa ka ntlha ya bosupi jo bo reketlang.
E rile mosekisi, Sub-Inspector Tshiamo Montshiwa a bua bosheng kwa kgotleng ya ga mmakaseterata ya Molepolole, a tlhalosa fa ba batla go bula kgang eo gape ka gore ba dumela gore ba tlaa kgona go bona bosupi jo ba neng ba bo tlhoka.
Rre Montshiwa o ne a tlhalosa gore kgang e ne ya tshololwa dilo tse dingwe di ise di goroge kwa di neng di tshwanetse go ya teng. A re bosupi jo tota ba bo tlhokang bo mo ditsong tsa difaele tse di beilweng tsa Botswana Television.
O bile a tlhalosa gore ditshwantsho tse di ne tsa supiwa e le dikgang mo Btv. O ne a tlhalosa gore lekgotla la Molepolole le ne la dira mokwalo wa taelo wa gore ditshwantsho tseo di ntshiwe, tse mosekisi a supang fa di supa basekisiwa ba itirela go rata ba kgathologile molao.
A re fa bosupi joo bo ka rarabolola kgang e e sa bolong go goga. Rre Montshiwa o ne a supa gape gore o tlhoka le gore lekgotla le mo kwalele taelo e nngwe gape ya gore Btv e kopiwe go ntsha ditshwantsho tseo kgang e tswelele. Le fa go ntse jalo, basekisiwa ba ne ba supa fa ba gakgametse thata ka e bile mosekisi e le ene a di gogang kwa pele a batla gore kgang eo e tsene gape.
Ba ne ba tlhalosa fa ba dumela gore go na le segwenegwene mo kgannyeng ya bone e bile ba ikemiseditse go bona gore matsapa di a tsaya kae ka gore kgang e ne e tsholotswe. E rile Mmakaseterata Bhekimpilo Sibanda a ntsha la gagwe a bolelela lekgotla gore kgang eo e tlaa buselediwa kwa go mmakaseterata yo o neng a e tshwere.
O ne gape a supa gore mo kgannyeng eo ga go na sepe se se fetogileng e bile a bona go se na lebaka la gore go bo go twe e tsenngwe gape. Ka jalo Mmakaseterata Sibanda o ne a felela a bolela fa kgang eo e tlaa reediwa kwa tshimologong ke mmakakaseterata yo o neng a e tshwere mme e tlaa re go na le mabaka a a utlwalang ke gone a tlaa e fetisetsang kwa go mmakaseterata yo a bonang a ka e mo thusa.
O ne a baya letsatsi la Moranang a tlhola malatsi a le mararo gore kgang eo e tle e bulwe ke mmakaseterata yo o lebanyeng. Dintlha tsa kgang e di supa gore e ne ya re Mopitlo a tlhola letsatsi ngogola, Masego Phuduhudu wa kgotlana ya Mmopi, Setoba Kgalaeng, Balimi Kgalaeng le Badisa Kgalaeng botlhe ka boraro e leng ba kgotla ya
Difetlhamolelo kwa Molepolole, le mosekisiwa wa bofelo ebong Atamelang Molwapula wa kgotla ya Mailwana, ba ne ba gobatsa Rre Morris Sekgee ka go mo keteka ka dithobane mo a feletseng a gobala monwana a bo a nna le dikgobalo tse di masisi mo mmeleng.
Go belaelwa gape gore e ne ya re Mopitlo a tlhola malatsi a mabedi kwa masimong a Diagane basekisiwa ba keteka Rre Tiego Charlie ka dithobane mme ba mo gobatsa gore a bo a sale a rurugile monwana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Boikanyo Sarefo
Location : MOLEPOLOLE
Event : Kgotla tshekelo
Date : 16 Feb 2014






