Breaking News

Masalela a tlaa bolokwa gape

16 Feb 2014

Masalela a baswi a a katolotsweng ke dikatakata tse di epelang diphaephe tsa metsi mo lenaneong la kgokelo ya dipompo go tswa bokone go ya borwa, a tlaa bolokwa Mopitlo a rogwa.

Badiri ba lenaneo leo ba epolotse marapo a batho ba ba saleng ba fitlhilwe kwa masimong a Maotokgonyana fa ba ne ba epela diphaephe fa gare ga Moralane le Palapye. Mogolwane wa lephata la metsi, Rre Jonase Ramosalagadi, a re dikatakata tse di epang go tsenya diphaephe tsa metsi, tse di epelwang kwa teng, di feletse di feta fa mabitla a a kileng a bo a le teng bogologlo mme seo sa raya gore ba epolole marapo a baswi.

Ba ne ba tsaya marapo ao, go a  baakanyetsa go ka ya go bolokwa gape.O tlhalosa fa tirelo yotlhe e tlaa tshwarelwa kwa kgotleng, mo boleng teng jwa ba masika.

Rre Ramosalagadi o ne a tlhalosa fa ditshenyegelo tsotlhe di ya go nna mo maruding a puso, ke gone ka moo ba neng ba bona go tshwanela go rerisana le molaodi le borara ka tiro eo gore ba ba tswe thuso ya ka fa e ka dirwang botoka ka teng.

O tlhalositse fa go epolotswe ditopo di le nne, mme tse pedi go lebega di sa angwa ke kepo eo. A re ba lekile go batla ditopo tse dingwe gore ba di tseye tsotlhe mme ga ba a tswa ka sepe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 16 Feb 2014