Mapodisi a Tsabong a tshegeditse lekawana
16 Feb 2014
Lekawana la dingwaga tse di masome mabedi le bosupa le le tlholegang kwa Maleshe mo kgaolong ya Kgalagadi le tshegeditswe ke mapodisi a Tsabong mabapi le go tlhaba mme mongwe ka sengwe se se bogale mo mpeng.
Tiragalo e e boletswe ke mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Howard Modo, mo potsolosong bosheng. Superintendent Modo o tlhalositse fa tiragalo e diragetse kgwedi eno e tlhola malatsi a le mane kwa kgotleng ya Matlhatlaganyane mo Tsabong, ka nako ya borobabongwe bosigo.
Mookamela mapodisi a Tsabong o tlhalositse fa mmelaelwa a ne a tlhaba mme yo, wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano ka sengwe se se bogale mo mpeng morago ga go tlhoka kutlwisisano.
Rre Modo o tlhomamisa fa e ne ya re morago ga tiragalo eo, mme yo a ragosediwa kwa kokelong ya Tsabong ka dintho tse di masisi, mme a romelwa kwa Gaborone kwa Princess Marina, morago ga gore seemo se bifele pele; kwa a sa ntseng a le teng.
Superintendent Modo o boletse fa mmelaelwa a ne a isiwa kwa lekgotleng la ga mmakaseterata go ya go itshupa, mme a supa fa a tlaa bo a sa ntse a le mo diatleng tsa bone fa ditlhotlhomiso tsa mapodise di tsweletse mabapi le se se ka tswang se bakile tiragalo eo.
O kaile fa go belaesega fa bobedi jo e ne e le baratani. Superintendent Modo o ne a kopa setshaba, bogolo jang banana, go kopa dithuso le dikgakololo mo mapodising, bommaboipelego, dikgosi, baruti, batsadi le ditsala go ba sidila maikutlo le go ba thusa go ka rarabolola dikgang go na le go tsaya ditshwetso tse di borai, a tlatsa ka go supa fa molemo wa kgang e le go buiwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Pego Ya Mapodisi
Date : 16 Feb 2014






