Breaking News

Baopedi ba akola mohuhutso wa phatla

16 Feb 2014

Baopedi ba akgotse lekgotla le le sireletsang tiro ya baopedi la Copy Right Society of Botswana (COSBOTS) ba re lekgotla leo ke mmoloki wa ngwao le moopelo wa lefatshe leno.  

E rile fa a bua kwa tshimolodisong ya lekgotla la COSBOTS , baopedi ba le bantsi ba amogela thulaganyo ya go simolola go ba duelela dipina tsa bone. Tona wa Papadi le Madirelo, Mme Dorcas Makgato-Malesu a re go botlhokwa thata go ipelela tshimologo ya thulaganyo ya go nna jalo ka gore ke la ntlha mo ditsong tsa Botswana baopedi ba duelelwa dipina tsa bone tse di lediwang.

Lekgotla la COSBOTS le sale le tlhomilwe ka 2008 mme la simolola go dira ka 2010 le sena go fiwa madi ke puso go tswa mo lekgethong la Blank Tape Levy Fund. Go ntsha madi moo go lejwa e le seabe sa puso mo go tlotlomatseng moopelo. Molawana wa Copyright and

Molawana wa Neighbouring Rights Act CAP 68:02 o tlama COSBOTS go ntsha diteseletso e bo e phutha makgetho mo badirising ba dipina mme a kgaoganngwe batlhami ba dipina tseo. E ne ya re 2013 a fela, COSBOTS ya bo e setse e phuthile P7 634 831.

Selekanyo sa P1 920 336 se ne sa phatlaladiwa le baopedi mme  madi a a setseng a tlaa bewa gore a kgaoganngwe gape ka Phukwi. Tona o boletse gore madi a a setseng a tlaa kgaoganngwa baopedi fa go setse go na le dikitsiso tse di rileng go tswa mo badirising ba moopelo mme COSBOS e sala ka selekanyo sa masome a mararo mo lekgolong go duelela ditshenyegelo.

Bontsi jwa madi bo kgaoganngwa ka fa dipina di dirisitsweng ka teng mme go duelwa maloko a a ikwadisitseng, go duelwa makgotla a mafatshe a sele a dipina tsa maloko a one di dirisiwang mo Botswana e bile ba na le ditumalano tsa tiriso le COSBOTS. Makgotla ao le one a tlaa tshwanelwa ke go duela COSBOTS madi a dipina tsa Batswana tse di dirisiwang kwa mafatsheng ao.

Go tlaa duelwa baopedi ba mebino yotlhe ka go farologana, ba ba tshelang le bogole le bajaboswa ba baopedi. Tona Makgato Malesu o lebogetse lephata la kgaso jaaka e le bangwe ba  ba dirisang dipina le tse dingwe tse di tsamaelanang le tsone, a re ba nnile le seabe se segolo gore tiro eo e atlege.

E rile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa COSBOTS, Rre Solomon Monyame a bolela fa go tsere lobaka go rulaganya gore baopedi ba duelelwe moopelo wa bone. A re go diragala ga toro eo ke bosupi jwa botsalano jo bo nonofileng fa gare ga baopedi le puso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Tshimolodiso ya COSBOTS

Date : 16 Feb 2014