Breaking News

Ba borwa ba tlhophile komiti ya babereki

16 Feb 2014

Badirelapuso ba ba duelwang ka letsatsi ba kgaolo ya borwa mo Kanye ba sa tswa go tlhopha komiti e e tlaa ba tsamaisang go simolola ngwaga ono, morago ga go tlhophololwa e e ntseng e le teng, e e tsereng dingwaga tse tharo.

Mo boidiiding jo bo neng bo kokoane mo ntlolohalahaleng ya Marapalalo, badiri ba le masome a a ferang bobedi le boferabongwe ba ne ba tlhopha Rre Manyoloi Tselaesele go nna modulasetilo, a fenya Rre Edwin Seitaaboro, yoo o neng e le modulasetilo wa pele ka ba le lesome le boferabongwe, a latelwa ke Rre Abel Morupisi ka ba roba bongwe.

Maemo a mothusa modulasetilo a tserwe ke Rre Seiphemo Tebejana, yo o neng a se na moganetsi, fa a bokwaledi a tserwe ke Rre Nicolas Sekwenyana, yo o boneng batlhophi ba le masome a a ferang bobedi le bosupa, fa mothusi wa gagwe e le Mme Copper Rebang ka batho ba le masome mararo.

Motshola madi e nnile Mme Gaborekwe Tsiapa yo o neng a sa ema le ope. Go ne ga tlhophiwa gape maloko a le matlhano a a tlatsang komiti eo. Morago ga go tlhophiwa, Rre Tselaesele o ne a solofetsa fa a tlaa tsosolosa mokgatlho wa bone le dikomiti tsa pereko tse dipolana mo maphateng ka go farologana go thusa babereki.

O boletse fa makgotla a sule, ka jalo a tshwanetse go tsosiwa, a tlatsa ka go re ka nako ya dikhuduego a ne a lwela babereki ka tsotlhe tse a neng a na le tsone. O kopile komiti e ntsha go goga mmogo ka bongwefela jwa pelo.

O kopile gore ba tlhakanele ditsheko gore ba kgone tiro e ba e tlhophetsweng.Mo dikgannyeng tse dingwe, maloko a boleletswe gore kgang ya kokeletso dikamogelo e sa ntse e tshegeditswe ke Burgaining Council. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego

Date : 16 Feb 2014