Breaking News

Maduo a Pandagala a wetse kwa tlase

16 Feb 2014

Mothusa mogokgo wa sekole se segolwane sa Pandagala kwa Tutume, Mme Chedu Seeletso, a re maduo a sekole se o  a ngogola a wetse tlase fa go tshwantshanngwa  le  a  ngwagatlola.

Mme Seeletso o buile se mo phuthegong ya batsadi le barutabana bosheng. A re ngwagatlola maduo a  A, B le  C e ne  e le  79.7 per cent  fa  a  ngogola  e ne  e le  74.9 per cent, mme mo godimo ga moo baithuti ba  le  lekgolo le masome a mabedi  mo go  baba lekgolo le masome a supa le bongwe  ba ba neng ba kwala lokwalo  lwa  boraro, ba kgonne  go  bona  phatlha kwa sekoleng  se  segolo mme mo go bone  go le  ba ba tsereng D.

O ne  a tlhalosa fa seo se ne sa baya sekole mo maemong a botlhano mo dikoleng tse  di  lesome  le  bobedi tse  di  mo kgaolong ya Tutume, fa mo kgaolong ya Legare  se le mo maemong  a masome a mararo  le bone mo dikoleng tse  di  masome  a robang bobedi  le  bongwe.

Mme Seeletso o bolela fa mo maduong ao go supagala fa basimane ba wetse tlase thata e bile ba gaisitswe ke basetsana. A re fa ba sekaseka, ba lemogile gore bontsi jwa baithuti ba basimane ba ba sa direng sentle, e le ba ba sa utlweng.

Mme Seeletso o ne a kopa batsadi go tshwaraganela thuto le barutabana le go leka go bontsha bana ba basimane tsela, le go ba lemotsha botlhokwa jwa thuto. O ne gape a kopa batsadi  go  lebelela tiro ya bana ya sekole, ka  go  kile ga nna  le  kgang ya  gore  barutabana bangwe ba ba laela baithuti  go kopolola mokwalo mo dibukeng ba sa ba tlhalosetse sepe.

Mogokgo Thandie Motlhagodi ene o ne a kopa batsadi  go duela madi  a  sekole  le a  letlole  la  komiti ya batsadi le barutabana.  A re ka gompieno  go  dirisiwa maranyane  a  sesha, ba ka duela madi  a sekole gongwe  le gongwe mo lefatsheng fa go nang  le sekole  se  segolwane.

O ne a supa fa ba tshwenngwa ke tshenyo e e dirwang ke baithuti mo dithotong tsa sekole, a re seo ke poelo morago.Batsadi ba ne ba supa fa le bone ba tshwentswe ke kwelo tlase ya maduo, ba re gongwe e ka tswa e le go fetolwa ga lenaneo la dithuto mme seo se katle baithuti tlhogo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya batsadi le barutabana

Date : 16 Feb 2014