Breaking News

Tema ya ga Tautona e a bonala

13 Feb 2014

Lenaneo la ga Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama la go agela batlhoki bonno le setse le fetotse matshelo a Batswana mo dikgaolong tse di farologanyeng.

Motshwarelela Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe o kaile se fa a abela Rre Ntuntu Wamakgabana ntlo e e agilweng ka lenaneo le kwa kgotleng ya Smodern kwa Mogoditshane ka Labone, Tlhakole a tlhola lesome le boraro.

A re ka lenaneo le, go setse go agilwe matlo a le makgolo a matlhano, masome a matlhano le borataro, fa a le masome mabedi le borobabongwe a tsamaela go fela. O tlhalositse fa lenaneo la go agela batlhoki matlo le atlegile go gaisa jaaka go ne go akantswe.

“Tiro e sa ntse e tsweletse, mme go lebega e tlaa atlega go na le jaaka go ne go solofetswe,” ga tlhalosa jalo Motshwarelela Tautona. Dr Kedikilwe a re le kwa ntle ga go agela batlhoki matlo, puso e na le dithulaganyo di le mmalwa tsa go thusa Batswana gore ba seka ba wela mo isong.

Mananeo a a akaretsa dituelo tsa bagodi, mananeo a batlhoki, masiela, banana, Ipelegeng le a mangwe a a tokafatsang matshelo a Batswana. A re mo kabong madi a setshaba a monongwaga, puso e tlaa dirisa madi a a seng kwa tlase ga P1.2 billion go thusa ba ba dikobo dikhutshwane go ba namola lehuma la nta ya tlhogo.

O ne a kaya fa se e le mowa wa lorato, mme a tlhalosa fa se puso le Batswana ka bongwe ka bongwe le bagwebi ba se dirang se tshwanelwa ke go babalelwa, ka se tshidisitse lefatshe leno  melatswana. “Mowa o, ke wa lorato, re tshwanetse ra tlhomamisa gore sebi sa one se tswelela pele,” ga kaya jalo Dr Kedikilwe.

Dr Kedikilwe o ne gape a galaletsa ba ofisi ya mopalamente wa Mogoditshane e e neng e le yone e eteletseng kago ya ntlo e pele, ka go kopa dithuso le go rerisanya le ba-na-le seabe ba bangwe. Fa a akgela, Mopalamente Patrick Masimolole o ne a kaya fa ntlo e e le ya borataro go agwa mo kgaolong ya Mogoditshane.

A re matlo a le matlhano a ne a agwa a bo a fiwa batlhoki kwa Tsolamosese ngogola. Mme e bile o ne a solofetsa banni ba Mogoditshane fa a setse a bone motlhoki yo mongwe yo a ikaelelang go rulaganya gore a agelwe.

O ne gape a galaletsa khamphani ya Western Group e e agileng ntlo e, a re ga se la ntlha e dira jalo ka e rile mo ngwageng tse di fetileng ba rekela ofisi ya mapodise a Mogoditshane koloi.

Fa a amogela ntlo, Rre Wamakgabana o ne tlhalosa fa a itumetse thata mme e bile a leboga mopalamente go bo a mo thusitse ka bonno. Ntlo ya ga Rre Wamakgabana e akaretsa dikamore tse nne tsa borabalo le ya boapeelo. Go tlhalositswe fa a tla hirisa dikamore tse dingwe tse pedi go itshetsa. BOKHUTLO
   

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : MOGODITSHANE

Event : Kabo ya ntlo

Date : 13 Feb 2014