Seretse o itumelela kgatelopele
13 Feb 2014
Kgatelopele ya mananeo a nyeletso lehuma mo metseng mengwe ya dikgaolo tsa Kweneng e itumedisitse mothusa tona.
E rile a bua mo potsolotsong morago ga go etela ditiro tsa nyeletso lehuma di le lesome kwa metseng ya Hatsalatladi le Mahetlwe, Mothusa Tona wa tsa Madi le Ditogamaano tsa Ditlhabololo, Rre Vincent Seretse, a lebogela kgatelopele e e supagetseng segolo jang kwa Hatsalatladi.
Kwa Hatsalatladi mothusa tona o lekodisitswe gore mo ditirong di supa tsa temo ya merogo mo digotlong, dile tlhano kwa Hatsalatladi le sele sengwe kwa Mahetlwe di dira bontle mo temong ya morogo wa sepinatshe le tamati, ntle le gore gone go lebega di amilwe ke pula.
Rre Seretse o ne a lemoga maiteko a mantle a bao ba filweng lenaneo, mme a nyatsa tsamaiso ya go abiwa ga lenaneo mo kgaolong ya Kweneng, ntateng ya bodiredi jo bo maoto a tshupa, ka jalo go kgoreletsa gore bontsi jwa baikopedi ba bone thuso ka nako.
Kwa Mahetlwe ke motho ale mongwe yo o setseng a thusiwe ka thulaganyo e, ka gone ga tlhalosiwa fa bontsi bo kgatlhegela thuo ya dihutsane.
E re le ntswa a ne a lekodisiwa ka dipalo tse di masome a supa le borobongwe tsa bao dikopo tsa bone di atlegileng, o sa ntse a dumela fa thulaganyo eo mo kgaolong ya Kweneng ele bonya.
Mothusa tona a re fela jaaka matshwenyego a le mantsi ka tsamaiso ya lenaneo leo mo kgaolong eo, le ene o dumela fa go le gontsi mo go tlhokang go dirwa ke bodiredi go tokafatsa tsamaiso ya lenaneo le gore Batswana ba ba atlegileng ba kgone go le aramela le sa ba tlhabetse.
Mothusa tona o akgotse thata bodiredi jo bo rotloetsang mananeo ao kwa motseng wa Hatsalatladi, segolo jang molemisi, Rre Joshua Pagiwa, yo go bolelwang a dira tiro e ntle mo go rotloetseng temo ya merogo
Dingwe tsa ditiro tse tona Seretse a neng a di etela ke ya kapei le ya go roka, tseo le tsone goneng go lebega di tsweletse sentle mme bothata jo bo amang badirisi ba lenaneo leo ka bontsi ele go tlhoka mmaraka.
Ere ntswa beng bangwe ba ditiro tseo ba ne ba seyo ka mabaka a temo, mothusa tona Seretse o ne a itumedisiwa ke tlhokomelo e neng ya lemosega mo ditshingwaneng tsa bone.
Bontsi jwa balemi bao, mo go bone go le Rre James Kebonyekgomo, ba lela ka nngadule le sebokwana, ba tlhalosa fa di kgoreletsa maiteko a go ntsha thobo e kgatlhisang.
Modiredi mo lenaneong la nyeletso lehuma kwa metseng ya Mahetlwe le Hatsalatladi, Rre Kenyaditswe Seanneng, a re thulaganyo ya thuo ya dihutshane kwa metseng eo e kgorelediwa ke gore barui ba setse ba le bete se molangwana ka go rekisetsa lenaneo leo dipodi, ka jaana ba ngongoregela tiego ya dituelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 13 Feb 2014






