Balemi ga baa solofela sepe
13 Feb 2014
Balemi ba ba sa itumelang ba kgaolo ya borwa ba re ga ba a solofela thobo epe fela ka pula e dikile e nele ka boutsana mo kgaolong ya bone.
E re ka bontsi jwa temo mo Botswana e ikaegile ka pula, ka go tlhoka lesego dipula di ne tsa tla nako e setse e tsamaile mo borwa jwa lefatshe leno ka nako ya letsema.
Balemi ba kwa Motsentshe, Ramonneddi, Tswidi le mafelo a mangwe a a mo tikologong ya Mmathethe ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba seka ba jwala dipeo tsa bone ka gore nako e ne e setse e fetile.
Ba re ga go na sepe se se ka tlholang se dirwa mo nakong e khutshwane e ya koketso ya nako ya letsema go simologa Hirikgong a le 31 go fitlha Tlhakole a tlhola malatsi a supa.
Ba boletse gape gore ba tshwenngwa ke gore lefa ba ka lema, dijwalo tsa bone ga di na go butswa, bogolo thata mmidi le mabele. Bothata jo bongwe gape ba boletse fa e le tlhaelo ya diterekere le didirisiwa tse dingwe tsa temo mo go ketefaletsang dilo kwa pele ka gore bokgola bo a tsamaya fa ba santse ba emetse go thusiwa.
Mathata a a lebaganeng batho ka bongwe ka bongwe jaaka go tlhoka dipalamo go ya go tsaya dipeo kwa diofising tsa balemisi le tsone ke sekgoreletsi.
Balemi ba ba neng ba tlwaetse go itemela ka ditonki, ba ne ba palelwa ke go dira jalo ka gore le tsone ditonki tseo di ne di le bokoa di letswe ke mopalo wa leuba.
Ba boletse gape gore diterekere tse di palopotlana tse di teng le tsone di nna di senyegetse ruri fela. Moelmi-morui wa Ramonnedi Rre Mokgatlhe Dithole o ne a ikuela mo baruing ka ene go simolola go ntsha leruo mo masimong go le isa kwa mafudisong.
Rre Dithole o boletse fa dijwalo tsa bone gape di tla di jewa ke masogo le dikgaka fa di sena go mela. Kwa Motsentshe, Rre Keyahiwa Kaboyamodimo yo o neng a itemela ka ditonki tsa gagwe tse thataro o ngongoregetse gore diterekere di a tlhaela mo kagolong eo.
Rre Mosegi Ramakapu, yo a leng molemisi wa kgaolo eo yo gape a thusang banana mo lenaneong la nyeletso lehuma o boletse fa a sa itumedisiwe ke go tlhoka kgatlhego ga banana mo temo thuong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 13 Feb 2014






