Puso e tla a sekaseka molao wa bodirela puso
13 Feb 2014
Mookamela lephata la badirela puso, Rre Carter Morupisi a re molao o o amang badirela puso o tshwanetse go dirisiwa sentle, ke sone se go tserweng tshwetso ya go o sekaseka.
Rre Morupisi o buile jalo ka Mosupologo, Tlhakole a tlhola lesome le motso kwa Letlhakane a buisa badirela puso. Rre Morupisi a re DPSM e lemogile fa dilo tse di tshwanang le madi a tlaleletso ( overtime) a fiwa le badirela puso ba maemo a a kwa godimo tota.
A re go dira jalo go turela puso ka jalo madi a, a tshwanetse go fiwa babereki ba se ba nene fela. Rre Morupisi a re lephata le le okametseng badirela puso le bone gape gore molao wa badirela puso le wa pereko ga di tsamaelane. A re go tsaya karolo ga badirela puso mo dipolotiking le gone go tshwanetse ga sedimosiwa sentle.
O tsweletse a re ba ne ba solofela fa molao oo o tlhamaletse, mme a re bosheng jaana ba lemogile fa badirela puso ba tsaya karolo mo dipolotiking ka bangwe ba nnile le seabe mo ditlhophong tsa peo letlhokwa tsa diphathi tsa sepolotiki.
A re ka jalo ba bone go tlhokafala go tlhatswa ntlha eo. O supile fa go sa letleleleng badirela puso go tsaya karolo mo dipolotiking go sa le go nna teng le mo pusong ya tautona wa pele wa lefatshe leno Sir Seretse Khama.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Morupisi a re le ntswa puso e lebanwe ke dikgwetlho tse di farologaneng tse di kgoreletsang go tsisetsa batho ditlamelo sentle, dipatlisiso di supile fa go sa feng setshaba ditlamelo ga badirela puso go sa dirwe ke dikgwetlho tse di tlhokanang le madi kgotsa di dirisiwa. A re go tlhoka go tsisetsa setshaba ditlamelo go bonwe ele maduo a go sa tseyeng maikarabelo mo tirong , go tlhoka go supediwa tsela le go araba dikopo tsa setshaba.
A re bontsi jwa batho ba ba yang kwa diofising tsa puso go kopa thuso, ke batho ba ba sa itseng pharologanyo fagare ga maphata a puso, ka jalo go mo go bone jaaka badirela puso go supetsa setshaba seo kwa se ka bonang thuso e ba e batlang teng .
Rre Morupisi o tsweletse a re dipuisanyo di tsweletse ka dikgang tse di tshwanang le koketso dituelo le mabaka a pereko.
O kgothaditse bagolwane go rarabolola dikgotlhang fagare ga badiri ka bofefo, gonne a re go tlhoka go dira jalo go tsala gore dikgang tsa go nna jalo di felele di tsena kwa ofising ya gagwe. A re dikgang di tshwana le go fudisiwa ga babereki di tlhokana le therisano fagare ga mmereki le mogolwane wa gagwe. A re fa gongwe mmereki o gana go fuduga fela ka gore mogolwane ga a bega kgang sentle go le pele.
O kgothaditse badirela puso go ngathogana lemme la di dirisiwa tse di teng mme a supa fa di dirisiwa jaaka dikoloi ele nngwe ya dikgwetlho tse di lebaneng puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya badirela puso
Date : 13 Feb 2014






