Breaking News

Mapodisi a tshegeditse monna

13 Feb 2014

Mapodise a  Mahalapye  a tshegeditse monna  wa  dingwaga  tse  di masome a mabedi go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le go hulwa ka tlhobolo ga mosadi mongwe wa kgotla ya  Leretlwabosheng.

Mogolwane  wa  mapodise a e seng a seaparo (CID), Rre Letsweletse Baile, a  re  tiragalo eo e diragetse kgwedi eno e le boferabobedi mo  kgotleng ya Leretlwa fa batho bao, ba go bolelwang ele baratani  ba ne ba tlhoka kutlwisiano  mo  go neng  ga  dira  gore  mmelaelwa  a hule mosadi yoo ka tlhobolo ya dihala mo matsogong.

Rre Baile a re mosadi yoo wa dingwaga tse di fagare oa sidilega kwa kokelong ya Mahalapye mme a bolela fa mmelaelwa a sa ntse a tshegeditswe ke mapodise fa ditlhotlhomiso tsone  di tsweletse. A re mmelaelwa, yo le ene a tlholegang mo kgotleng  ya  Leretlwa, o ne a itshupa kwa kgotleng ya ga makaseterata ka Labobedi, go lebisiwa molato wa go leka go bolaya.

Rre Baile a re ele ba sepodise, ba tshwenngwa ke ditiragalo tse di golelang pele tsa batho ba ba gobatsang ba bangwe ka go ba hula ka ditlhobolo, jaaka tiragalo e mo go yone monna mongwe wa Radisele a neng a hula monna mongwe wa letso la Zimbabwe ka tlhobolo ngogola.

Fa dikgang di eme jalo, Rre Baile o bolela fa mapodise le morafe wa Kalamare ba le mo patlong  ya ya  monna mongwe wa  dingwaga  tse di  masome  a mabedi, yo  a saleng a timetse kgwedi e fetileng ele masome a mabedi le boferabobedi kwa merakeng ya Kokolo.

A re o kopa setshaba segolo jang ba meraka le masimo a mo tikologong ya  Kalamare go thusana le mapodise mo patlong ya monna yoo kana go begela mapodise ka bangwe ba ba ka tswang ba sa baitse mo thoteng ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Lephojane

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 13 Feb 2014