Breaking News

Puso ga e na go atolosa tsela ya Boatle

13 Feb 2014

Puso ga e na lenaneo  la  go atolosa tsela ya Gaborone/Boatle mo bogaufing. Tsela e ke nngwe ya tse di dirisiwang thata e e mo A1  e e fetang ka toropo kgolo Gaborone.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Tona wa Dipalamo le Ditlhaelatsano, Rre Nonofo Molefhi  a re puso e santse e itebagantse le go baakanya gammogo le go  tlhabolola dingwe tsa ditsela tse ditona mo lefatsheng leno tse di setseng di onetse fela thata.

A re le fa ntswa tsela ya Gaborone /Boatle e nale mosuke o  montsi , puso e tsere tshwetso ya go baakanya e bo e tlhabolola ditsela tse di saleng di ntse di sa tlhabololwe lebaka le leele. A re puso e tla baakanya ditsela tse di di dirang tsela e tona ya A1, e eleng yone e gokaganyang madirelo gammogo le go gokaganya lefatse leno le bagwebi ba bangwe mo kgaolong.

Tona Molefhi a re tsela e nngwe e etlhokanang le go baakanngwa ke e e golaganyang  Martins Drift/Lerala/Sefhare/Palapye. A re seemo sa tsela e se maswe fela thata.

O tsweletse a  re tsela  e nngwe e e mo seemong se se sa jeseng monate ke e e dirwang fagare ga  Nata Le Pandamantege, mme a tlhalosa ga go sena sepe se se tla dirwang mo tseleng ya Nata /Maun e le yone e batlang go baakangwa.

Re Molefhi a re ditsela tshotlhe tse di gokaganang le toropo kgolo Gaborone jaaka  Gaborone /Molepolole, Gaborone/Kanye le Gaborone Mochudi di dirisiwa thata gonne bontsi jwa banni ba metse eo  ba dirisa ditsela  tseo go ya tirong.

Le fa go ntse jalo  a re tsela ya Mochudi  le  ntswa  e na le mosuke go tswa mo bogareng  jwa toropo go ya  kwa Phakalane, ga e na mosuke go tswa mo Phakalane go ya Mochudi ka gonne e nale mela e mebedi.

Tona o supile fa dikoloi di oketsegile fela thata mo ditseleng.  A re go botoka gore badirisi ba ditsela tse di mosuke ba leke go dirirsa tse di senang mosuke o montsi  go re ba tsene kwa ba batlang go ya teng ka nako.

A re le fa ntswa tsela ya Gaborone /Boatle e itsege fa ele yone e e maswe go feta ditsela tse dingwe ka mosuke , palo ya dikoloi  tse di e dirisang ke yone e dirang gore e nne mosuke , go bo go tsala tiego. A  re bakgweetsi  ba ba dirisang tsela  ya Boatle/Gaborone  ba pelo khutshwane mo go dirang gore e nne nngwe ya ditsela tse di tshabelelwang ke dikotsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 13 Feb 2014