Breaking News

Ditlamelo di kgona go oka bagwebi

12 Feb 2014

Go agiwa ga ditlamelo tsa kgopho ya metsi a a leswe mo Molepolole  go tlaa thusa go okela bagwebi le ditlhabololo tse dingwe mo motseng oo. Seo se boletswe ke mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe.

E rile fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa kgotlaneng ya Leologa bosheng, Rre Kwelagobe  a re madi a a ka tshwarang P40 million a abetswe tiro ya go aga ditlamelo tsa kgopho ya metsi a a leswe le go patlalatsa metsi mo motseng ka di ne tsa diega ngogola.

Rre Kwelagobe a re motse wa Molepolole o ntse o sa kgone go oka ditiro tse ditona tsa ditlhabololo tse di tlhokwang thata jaaka kago ya diofisi tsa mapodisi  le tse dingwe tse di lekanang le yone ka bogolo. O boletse gore sekolo sa ithutelo booki se batlile go tlhoka go bulwa ntateng ya mathata a a amanang le kgopho ya metsi a a leswe.  

A re go tlhokafala ga ditlamelo tsa go nna jalo go ama  kgolo ya motse mme le Molepolole e le motse o motona mo lefatsheng leno ka o na le batho ba bantsi, o tsweletse ka go fetwa ke metse  e e tshwanang le Palapye le Kanye.

A re diofisi tsa mapodisi mo metsing e mebotlana jaaka ya Letlhakeng le Sojwe di botoka thata fa di tshwantshanngwa le ya Molepolole ntswa e le one motsemogolo wa kgaolo ya Kweneng o letlhakeng le Sojwe di leng ka fa tlase ga one.

Rre Kwelagaobe o boletse gore Molepolole e santse e le one fela motse o mogolo o o nang le matlwana a boitiketso a lehuti a le mantsi mme a kopa morafe go dirisa ditlamelo tseo ka go gokela diphaephe tsa malwapa a bone mo phaepheng e tona ya kgopho ya metsi a a leswe.

O boletse gape gore fa go nang le ditiro tse dikgolo tsa kgopho ya meets a a leswe, go dumalanwe gore metsi a a tswang mo matamong ao a bowe a dirisiwe gape ke batho go fokotsa letlhoko le le kanankana la metsi le le tsweletseng mo Botswana.

Rre Kwelagobe o boletse gape gore boranayane jo bo dirisiwang go tlhatswa metsi go tlaa a dira gore a siamele go nowa jaaka mafatshe  Namibia le South Africa a setse a dirisa metsi a go nna jalo kwa ntle ga matshosetsi a pe mo matshelong a batho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Feb 2014