Kgosi o ngongorega ka bogodu jwa leruo
12 Feb 2014
Kgosi ya Letlhakane Botlhaba mo kgaolong ya Borwa, Rre Searobi Searobi, a re o tshwenngwa ke go nyelela ga dipodi le dikgomo mo kgaolong ya gagwe.
Kgosi Searobi o buile jalo mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa leruo la batho le nyelela ka mokgwa o ba sa o tlhaloganyeng. Kgosi a re leruo le tsewa ke batho ba ba tshelang le bone ebile bangwe e le bana ba ba tlhokomelwang ke batsadi le puso.
A re bangwe ba na le meraka le dikgomo mme ba ise ba thusiwe ke puso ka lenaneo lepe, a tlatsa ka gore ba ba thusitsweng ke puso ka leruo la dihutshane ba nna fela ba lela ka go utswelwa, le motshegare tota.
Kgosi Searobi a re ba sepodise ba tlhagafalele go bona gore seemo sa bogodu se boela morago ka bofefo, ka batho ba tla sala ba iphotlhere mme leruo e le lone le ba itshetsang ka lone.
O ne gape a tlhalosa fa go na le leruo le le kgokgontshang banni ba Letlhakane ka go ba senyetsa mo malwapeng a bone mme a kopa beng ba dikgomo go di tlhokomela go itsa go senyetsa batho le go utswiwa.
O boletse fa balemi monogwaga ba tsile go nna ka selelo, e ntse e le tebang le bogodu, ka e tlare nako e go robiwang ba bo ba simolola go ba utswetswa mo ditshimong jaaka dingwaga tse di fitileng. Kgosi Searobi a re ka jalo, thupa e boele mo dikgotleng gore batho ba ba senyang ba kgalemelwe ka thupa pele ga ba ka ya go kwadisa melato kwa go ba sepodise.
Fa a tswelela ka tse di ba amang mo motseng, o boletse fa ba na le sebaka ba sa bone metsi mme kompone ya metsi, ya Water Utilities e nna e ba neela pampitshana ya sekoloto sa metsi e e supang madi a a sisimosang mmele mme ba nna ba sena metsi.
Kgosi o kopile khamphani ya metsi go tokafatsa ditirelo tsa yone gore ba tswe mo lenyoreng, ka metsi ke one botshelo jwa batho. Kgosi o ne a boa a tlhalosa gape fa botho mo baneng ba motse bo sa itumedise bagolo, le fa ba kgalemelwa ba tswelela ka go ikgantsha mme ba ba fetole ka gore “le lona le fitile fa”.
Kgosi Searobi, a sa boele morago ka kgang ya go kgwathisiwa mo dikgotleng, a re ke yone e ka rarabololang sengwe le sengwe le bana ba ka simolola go itse fa go na le ka fa ba ka thusiwang ka teng fa botho bo tlhaela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oteng Mae
Location : LETLHAKANE
Event : Potsolotso
Date : 12 Feb 2014






