Breaking News

Bodiredi bo tshabisitswe metsi

12 Feb 2014

Bodiredi jwa kgotla kwa Mababe bo ne jwa hudusiwa ka diamaramara morago ga merwalela e e neng ya hupetsa matlo a bone.

Motshwarelela mookamela mapodise a Maun, Superintendent Oarabile Hulela, o boletse gore ba ne ba tlamega go hudusa bodiredi jo bo akaretsang mapodise le bakwaledi ba kgotla ka jaana matlo a bone a ne a ageletswe ke metsi a go lebegang a ne a tswa mo nokeng.

A re ba ne ba kopela bodiredi joo bonno jwa nakwana kwa Sankoyo dikhilomithara di le masome a mararo le bosupa go tswa kwa Mababe. Superintendent Hulela o boletse fa mo nakong eno bodiredi jo bo theogelela kwa Sankoyo fa ba sa ntse ba tsweletse le go ba batlela sepalamo se se ka ba isang moso le moso kwa Mababe.

E re dikgang di eme jalo, Superintendent John Kelebeng o boletse fa ba tshegeditse rre mongwe wa motse wa Nxaraga ka jaana a fitlhetswe ka dirope tsa mmantshe. A re rre yoo o boletse fa ene a sa bolaya mmantshe yoo mme a bolailwe ke dintsa.

Mo kgannyeng e nngwe o tlhalositse fa ba le mo patlong ya borre bangwe ba le babedi ba ba tshabileng kwa seleng beke e e fetileng. A re borre bao ba tshwerwe ka melato ya go kgothosa le go thuba matlo mme ba ne ba nyelela mo matlhong a mapodise fa ba ba kobakobile.

Superintendent Kelebeng o boletse gape fa ba boloditse letsholo go batla koloi nngwe ya modiro wa Corolla e e utswilweng mo dikagong tsa sepodise.

A re e ne ya re kgwedi eno e rogwa mapodise a filthela koloi eo e phuagantswe kwa motseng wa Sexaxa mme ba e gogela kwa dikagong tsa sepodise ka go tlhoka lesego ya utswiwa jone bosigo joo.

O tsweletse a tlhalosa fa rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le bosupa a ne a itatlhela mo nokeng ya Thamalakane a re o bidiwa ke badimo ba gagwe mme ka lesego baboni ba tiragalo ba mo namola ka bofefo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 12 Feb 2014