Breaking News

Temo thuo e oketsa nako ya temo

12 Feb 2014

Lephata la temo-thuo le  okeditse gape nako ya temo ya ngwaga wa 2013/2014 ka fa tlase ga lenaneo la ISPAAD.

Go ya ka lephata leo, nako ya temo mo borwa jwa Dibete e okeditswe go tswa mo go Firikgong a tlhola malatsi a le masome a mararo le bongwe go ya kwa go Tlhakole a le lesome le bone, fa dinako tsa bokone jwa Dibete  e le go tswa mo go Tlhakole a le lesome le botlhano go ya kwa go a le masome a mabedi le bongwe. 

Lephata le bolela fa balemi le boraditerekere ba ba tla lemang morago ga dinako tse di beilweng  tse, ba tla seka ba akola dithuso tsa lenaneo la ISPAAD.

Lephata le tswelela le bolela gore tshwetso ya go oketsa nako ya temo mo borwa jwa lefatshe leno e tsile ka ntlha ya dipula tse di neleng morago gammogo  tse di feletseng di dira gore  balemi ba seka ba kgona go ya masimo kgotsa mmu o le metsi thata go ka lemega.

Le fa gontse jalo  lephata la temo- thuo le tlhagisa balemi gore go oketsa nako ya temo go dirilwe fela mo nakong eno ka ntlha ya seemo sa loapi. Lephata le gakolola  balemi  go  lema  dijalo tse di melang ka bonako go tila segatsetsa.

Ba re fa dijalo di sa tswa sentle ka ntlha ya go lema morago, balemi  ba rotloediwa go dirisa dijalo tseo go fepa leruo la bone ka tsone. Go ya ka dipalo tse di tserweng ka Firikgong a tlhola masome  a  mararo le bongwe masimo a a lemilweng  go bolelwa a feta diakere di le 70 000.

Lephata le tswelela le  tlhagisa balemi le bo raditerekere go tswelela ba  ba lebeletse  dinako tse temo e emang ka tsone tse di bakiwang ke  seemo sa loapi jaaka go tla ga mariga le dinako tsa  motshegare tse dikhutshwane.

Lephata la re  dinako tsa go emisa temo di farologane ka gonne mariga  mo borwa jwa lefatshe leno a tla  pele ga mo bokone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Kitsiso ya semmuso

Date : 12 Feb 2014