Breaking News

Thuto boswa jwa bana - Gaborone

12 Feb 2014

Batsadi ba tgakolotswe fa thuto ya bana  e sa lebaganngwa fela le  barutabana, mme  puso le batsadi ba tshwanetse go nna le seabe mo go yone.  Rre Olebile Gaborone o buile se mo kgotleng ya Borakalalo kwa Molepolole bosheng.

Rre Gaborone, yo eleng mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo ya magae,  a re seabe sa batsadi mo thutong ya bana ba bone ga se fela go ba rekela dilwana tsa sekolo le go duela madi  mme ba tshwnaetse go nna le seabe se se bonalang nako tshotlhe go kgatlhega go itse ka fa ngwana a dirang ka teng kwa sekolong.

O rotloeditse batsadi go nna ba etela sekole go lekola maduo a bana, a re seo ga se dire fela gore go nne le tirisano mmogo fa gare  ga batsadi le barutabana mme go dira gore batsadi ba  kgone go lemoga dikgwetlho tse barutabana ba lebaganeng le tsone.

Rre Gaborone  o tsweletse a re seabe sa puso  sone ke go netefatsa fa  fa dikago tsa dikole di le mo seemong se se siametseng dithuto. A re seabe sa barutabana se tshwanetse sa supagala le kwa ntle ga sekole  gore ba kgone go itse ka fa baithuti ba tshelang ka teng.

O supile fa seemo se se sa jeseng diwelang sa sekolo sa Borakakalalo se tla lebelelwa. Go le pele Mme  Banyanabotlhe Baatweng  mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse  o ne a ngongoregile ka seemo se se maswe sa dikago mo sekolong seo a re se tswhanetse go baakanngwa, sengwe se se boeletsweng ke sebui sengwe le sengwe.

Mo go tse dingwe Rre Gaborone o kopile setshaba go nna podi matseba  go thibela borukutlhi, segolo jang mo dilwaneng tsa puso jaaka dikoloi tse gantsi di dirisiwang botlhaswa. A tlatsa ka gore  tshenyetso setshaba fa  e sa tsewe tsia, e kgona go phutlhamisa itsholelo ya lefatshe.]

Mme Ruth Radibe, mookamedi wa tshireletso matshelo, o boleletse batsadi  fa  molao wa bana wa 2009  o sa rotloetse  botlhoka tsebe jwa ngwana jaaka bangwe ba akanya, mme o diretswe  go sireletsa ngwana. 

Mme Radibe a re batho bangwe ba ne  ba ngongorega  ba re ga aba kgone le go kgalemela  bana ka bana ba ba tshosetsa ka molao. O tsweletse a  re molao o letlelela kgalemo ya ngwana  fela fa e sa supe kgokgontsho gope.

O tladitse ka gore nngwe ya dilo tse molao wa bana o di  letlelelang ke gore ngwana  o nale tshwanelo ya go itse batsadi  ba  gagwe  boo-babedi  le fa ntswa ba ka tswa ba sa nyalana.

A re se se ka thusa fa ngwana a nale bolwetse jo bo batlang gore a abelewe serwe ka go ka batlisisiswa ba masika go bona yo o ka  kgonang  go aba.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Feb 2014