Mahalapye o tlhaelelwa ke metsi
12 Feb 2014
Le fa dipula di tsweletse ka go gosomana mo dikgaolong dingwe tsa lefatshe leno, mo Mahalapye go bolelwa fa malwapa mangwe le maphata a puso jaaka dikole le dikgolegelo a tlhaelelwa ke metsi mo e bileng go emisitswe go dirisa matlwana a boitiketso a a dirisang metsi.
Mothusa mogolwane wa dikgolegelo kwa Francistown, Rre Monkutlwatsi le megokgo ya dikole tse dikgolwane le tse dipotlana mo Mahalapye, ba re tlhaelo ya metsi e ba pateleditse go emisa go dirisa matlwana a boitiketso a a dirisang metsi le go nama ba emisitse go apeela bana dijo mo dikoleng.
Ba boletse mo potsolotsong gore maphata mangwe a puso a sale a tlhaelelwa ke metsi ka Labotlhano wa beke e e fetileng, fa maphata a mangwe gammogo le dikole a simolotse go tlhaelelwa ke metsi maabane.
Maphata a amilweng ke tlhaelo ya metsi ke la dikgolegelo,la dikitsiso, la Water Affairs, kokelo ya Mahalapye, dikole tse dikgolwane tsa Morale le Parwe le tse di potlana tsa Ngakaagae, Xhosa 1, Leetile, Fredrick le Flowertown.
Ba re le fa seemo se tsweletse ka go bifela pele, gone ba setse ba kopile ba koporase ya Water Utilities le ba khansele go thusa ka dikoloi tse di ka ba isetsang metsi a a ka dirisiwang go apeela balwetse le bana ba dikole dijo le go dirisiwa mo matlwaneng a boitiketso.
Lefa maiteko a go buisana le bagolwane ba koporase ya Water Utilities mo Mahalapye le Gaborone a retetse ntateng ya gore megala ya bone e ne e lela fela e sa arabiwe, gone go belalelwa fa mathata a tlhaelo ya metsi a bakilwe ke go thubega ga phaephe ntlheng ya motse wa Palla-road.
Dipatisiso tse di dirilweng ke ba lekalana la BOPA mo motseng wa Mahalapye di supa fa seemo sa metsi se tla tokafala ka bonya mo letsatsing la gompieno ka jaana metsi a simolotse go rotha mo dikgotlaneng di tshwana le ya Mowana,Tshikhinyega le Xhosa 2. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 12 Feb 2014






