Breaking News

Batswana ba na le mowa wa go abelana

12 Feb 2014

Tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso, Rre Mokgweetsi Masisi, a re Batswana ba na le mowa wa neelano, kabelano le kutlwelobotlhoko.

Tona Masisi o buile jalo fa a ne a abela Mme Banthusitse Kesenogile ntlo ya kamore tse pedi kwa kgotleng ya Koboyatlhosi kwa motseng wa Ntlhantlhe bosheng. Ntlo eo o e agetswe ke baithuti ba sekole sa booki, ba ba neng ba ikatisetsa kwa motseng oo, ba engwe nokeng ke komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) le banni ba Ntlhatlhe.

Rre Masisi, yo gape e leng mopalamente wa Moshupa, o galaleditse Batswana gobo ba sa ntse ba boifa Modimo e bile ba o obamela ka nako tsotlhe. A re seo se dira gore lefatshe la Botswana le itumedise e bile go rene kagiso mo go lone.

O boletse fa tautona wa lefatshe leno, ka bopelotlhomogi le lerato la Modimo, a ile a bona go le botlhokwa gore mo matshelong a Batswana, ba eta ba gadima kwa morago go bona ba ba tlhokileng lesego le gone gore ba ka thusiwa jang go ba fa seriti.

Tona o boletse fa kwa mafatsheng a mangwe go tikanwa ka noga e tshela, go lowa bosigo le motshegare, a tlatsa ka go supa fa Batswana bone ba le pharologano, ka ba tsibogela matlhoko a ba ba tshelang nabo. Rre Masisi a re ka ntata ya neelano e e renang, puso e ntshitse madi go tsamaisa mananeo a mantsi go thusa ba ba kobodikhutshwane go tswa mo lehumeng.

O boletse fa madi a sa ntse a le mantsi mo lenaneong la nyeletso lehuma, le le ka fa tlase ga ofisi ya gagwe. A re puso e ne ya ntsha P180 million go thusa batlhoki. Rre Masisi o ne a baya Mme Kesenogile lefoko, a mo tsibosa fa morafe wa Ntlhantlhe o mo sireleditse mo dipuleng, dirame le dilalome, mme ka jalo a kopa gore a ba leboge thata.

Fa amogela ntlo eo, Mme Kesenogile, yo o neng a tletse boitumelo, a tlolakaka a bo a relela, o ne a supa tebogo ya gagwe go menagane thata. O boletse fa a ne a lapisitswe ke go bopa mmu o ereng fa pula e na o bo o gosomana.

Mme Kesenogile o ne a boa a kopa gore a thusiwe ka ntlwana ya boitiketso. E rile a leboga, mopalamente wa kgaolo, Rre Kentse Rammidi, a ngongoregela badirelapuso bangwe ba ba sa tsamaiseng dikitsiso ka mananeo a puso, a re bangwe ga ba itse sepe ka mananeo a a ntshang batho mo lehumeng.

Le fa go ntse jalo, o galaleditse maloko a VDC kwa Ntlhantlhe gobo ba le tlhaga mo go direleng batho, mme a ba kgothatsa gore ba tswelele ka mokgwa o o.

O kgadile batho bangwe ba ba tlhophang maloko a VDC ka dipharologanyo tsa diphathi tsa sepolotiki, a re ga go thuse gore go tlhophiwe batho ba ba sa nonofang le matagwa fela. Rammidi o kopile puso go okeletsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse lemmenyana le ba le amogelang, a bolela fa ba tshwere tiro e tona thata mo setshabeng.

Mo go arabeng kopo ya ga Mme Kesenogile, tona Masisi o solofeditse bolao, Rre Kaelo Hule wa mogwebi ene a ithaopa go ka aga ntlwana ya boitiketso, fa Rre Taolo a tla reka setofo.

Ba nyeletso lehuma mo lephateng la temo-thuo ba simolotse go mo agela hoko ya dikoko, mme ba tla mo fa dikoko dile masome a mabedi le botlhano, melemo le dijo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Kabo ya ntlo

Date : 12 Feb 2014