Breaking News

Babereki ba dipolasi ba tlhoka thuto ka HIVAIDS

11 Feb 2014

Mothusa  kgosi wa Lerala, Kgosi Ookame Shaw  a re o tshwenngwa ka fa thuto ka kanamo ya mogare wa HIV/AIDS e santseng e saletse kwa morago mo badiring ba dipolase ka teng.

Kgosi Shaw o ntshitse matshwenyego a gagwe bosheng kwa tirong ya go rutuntsha babereki  ba ba direlang kwa dipolaseng tsa Sherwood le tse di mabapi ka mogare wa HIV/AIDS, tlhokomelo ya bana le ditlamorago tsa go iphitisa dino.

Kgosi Shaw a re go le gantsi babereki bao ga ba kgone go tsena dithuto tse di tshwarelwang mo metseng e e mabapi le dipolase ka ba nna fela ba le kwa mmerekong. Ka jalo a re kgonagalo ya gore ba tlhaele thuto ka mogare wa HIV/AIDS le mananeo a go o lwantsha e kwa godimo fela  thata.

O boletse fa seemo se, se tlhobaetsa ka se tla a felela se kgoreletsa maiteko a puso a gore ka ngwaga wa 2016 go bo go sena dipalo tse disha tsa mogare wa HIV/AIDS.

Kgosi Shaw yo ebileng e le modulasetilo wa komiti e e itebagantseng le twantsho ya mogare wa HIV/AIDS mo Lerala ya Village Multi-Sectoral AIDS Committee, (VMSAC) a  re dithuto ka mogare wa HIV/AIDS di nnela thata kwa metseng e tshwana le wa Lerala ka jalo badiri ba dipolase tse di mabapi ga ba  nne le sebaka sa  go nna le seabe mo go tsone.

O ngongoregile gape ka gore  e le boeteledipele ba motse ba itemogetse fa babereki  ba dipolase tse di bapileng le metse ya Tswapong  ba sa fe bana tlhokomelo e e tshwanetseng ka bontsi jwa bana ba nna ba le nosi.

O  tladitse ka gore bana ba felela ba nna mo diphatseng ntateng ya go tlogelwa ba le nosi ka ba abo ba sena yo o ba bontshang tsela e e siameng. O kopile batsadi go nna ba tlogela bana mo tlhokomelong ya mongwe yo o nang le boikarabelo fa ba ile ditirong tse di farologaneng.

Mo letsatsing leo babereki  ba dipolase tse di farologaneng  ba ne ba nna le sebaka sa go itlhatlhobela malwetsi a tshwana le sukiri, madi a matona le mogare wa HIV. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Keetile

Location : LERALA

Event : Dithuto puisanyo

Date : 11 Feb 2014