Breaking News

Baithuti ba boetse sekoleng

11 Feb 2014

Mogolwane wa lephata la thuto kwa kgaolong ya Mahalapye, Mme Cecilia Sunday, a re baithuti ba le masome a mararo le bosupa mo go ba ba masome a matlhano le bobedi ba  ba neng ba thobile mo sekoleng  sa Mookane Junior Secondary jaanong ba boetse dithutong.

A re baithuti bao, ba  ba tswang mo metseng ya Mokgenene, Mmaphashalala, Poloka, Dibete le Palla-road ba thobile mo sekoleng  kgwedi eno e tlhola malatsi ale mane morago ga go ngongorega gore ga ba kgore  kwa sekoleng.

Mme Sunday o tlhalositse  fa ba santse ba le mo patlong ya bana ba le bararo ba ba tswang Poloka le ba  babedi  ba Palla-road  ba go bolelwang ba ise ba bonwe  le mo nakong  eno.

O ne a ikuela mo batsading  go  thusana le botsamaisi  jwa sekole go rotloetsa  bana go tlhwaafalela  dithuto tsa bone boemong jwa go itewa tsebe ke ditiro tse di ka ba gogelang mo thaelong.

O tsweletse ka go tlhalosa fa dipalo tse di neng  tsa begwa lantlha tsa bana ba ba neng ba thobile mo sekoleng sa Mookane Junior Secondary e ne e se tsa boammaruri ka jaana di ne di ise di tlhomamisiwe ka nako ya kgang  e kwalwa.

Mabapi le ngongorego ya baithuti ka tlhaelo ya dijo le gore ga ba kgore e bile  ba tlhaelwa ke seshabo, Mme Sunday o tlhalositse fa seemo se tokafaditswe  ka  jaana  botsamaisi  jwa sekole bo isitse dijo tse di lekaneng kwa sekoleng  seo.

O boletse mo potsolotsong fa ba nale tsholofelo ya gore bana botlhe ba ba  iseng ba bonwe, e tla re pele ga beke eno e ya bokhutlong  ba bo  ba boetse kwa sekoleng go ya go tsweledisa dithuto. Ends

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 11 Feb 2014