Breaking News

Monna o thusa mapodisi mo ditlhotlhomisong

11 Feb 2014

Mapodise a Takatokwane a tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano wa Molepolole go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le leso la mosadi mongwe wa Salajwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng.

Mogolwane wa mapodise a Takatokwane, Superintendent Ocean Maraganyane, a re rre yoo, yo go bolelwang e ne e le mokapelo wa moswi, ke ene a bonweng la bofelo a na le ene.

Superintendent Maraganyane o boletse fa ba begetswe fa mme yoo a sa bonwe mme ba tabogela kwa motseng wa Salajwe go ya go thusana le morafe go mmatla.

A re mo letsholong la bone la go mmatla, ba ne ba fitlhela masalela a motho kwa ntlwaneng ya boitiketso kwa mabitleng a motse oo, mme ba masika ba netefatsa fa diaparo tse di fitlhetsweng e le tsa mosetsana yoo.

Rre Maraganyane a re ba ne ba bitsa ba bongaka go tla go tlhatlhoba setopo mme ba boloka moswi lone letsatsi leo ka a ne a setse a senyegile, a tlatsa ka gore rre yoo o ne a tshwarwa le ene ka lone letsatsi leo kwa Gabane.

Superintendent Maraganyane a re batsadi ba mosetsana yoo ba supile fa ba tsere lebaka go begela mapodise fa mme yoo a sa bonale, ka ba ne ba tsaya gore o ile ditsela tsa gagwe mme o tla boa.

Rre Maraganyane o ne a gakolola batho gore ba tlhokomele bana ba bone ga mmogo le bagodi ka jaana dipula dile dintsi e bile e le nako ya go bapala maungo a naga, selo se a reng gantsi se baka gore batho ba timele.

A re bosheng ba ne ba begelwa batho bale bane ba ba neng ba timetse ka malatsi a a farologanyeng kwa Kaudwane, mme a re ka lesego botlhe bane ba bonwa ba tshela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 11 Feb 2014