Baapei ba borotho ba mo dithutong
11 Feb 2014
Barutwana ba ba rutintshiwang ka go apaya borotho ka lenaneo la nyeletso lehuma, ba rotloeditswe go tsaya dithuto tseo ka tlhwaafalo, segolo bogolo ka go phepafatsa dikgwebo tsa bone le go oka bareki.
Mafoko a, a boletswe ke modulasetilo wa khansele potlana ya Ramotswa, Rre Thabang Keakile, fa a amogela baithuti bao bosheng .
Rre Keakile o lebogetse ba ofisi ya boipelego go rutuntsha Batswana ka go intsha mo lehumeng, ka ke thotloetso e e tswang kwa go Tautona wa lefatshe leno. O rotloeditse baithuti bao go tlhwaafalela go intsha mo lehumeng gore ba kgone go itshetsa.
E rile a ba ama ka lefoko, mogolwane go tswa kwa lephateng la boipelego kwa Ramotswa, Rre John Sephobe, a tlhalosa fa puso ya lefatshe leno e tsere tshwetso ya go ntsha Batswana mo lehumeng la nta ya tlhogo ka gone go supagala fa Batswana ba le bantsi ba tshelela mo lehumeng.
Rre Sephobe o tlhalositse fa puso e leka ka bojotlhe go baya Batswana mo botshelong jo bo nang le seriti, ke sone se e ba fang sebaka sa go itlhophela dikgwebo potlanatse ba ka di kgonang le gone go ba ruta ka tsone.
Mogolwane go tswa ofising ya Enviromental Health Rre Monthusi Molefe, ene o tlhalositse fa mosola wa bophepa mo kgwebong e le go hema malwetse, go kgotlelesega ga dijo le go oka bareki.
O tlhalositse fa go le botlhokwa gore moapei a itlhatlhobele malwetse pelega a simolola kgwebo, a rwale mo tlhogong, a apare dilwana tse ditshweu, a tlhape diatla kgapetsa-kgapetsa le gone go fokotsa go bua thata fa a apeile. O gateletse gore lefelo la boapeelo ga le a tshwanela go nna le dintsa le dikatse le gone go gogela motsoko tota. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Dithuto puisanyo
Date : 11 Feb 2014






