Puso e tsaya dikereke tsia
11 Feb 2014
Tona wa tsa Papadi le Madirelo, Mme Dorcas Makgato-Malesu, a re puso e tsaya dikereke tsia ka di na le seabe mo ditlhabololong tsa lefatshe leno.
Fa a bua bosheng kwa moletlong wa go kokoanya madi kwa kerekeng ya Faith Gospel After Christ (FGAC) kwa Sefhare, mo kgaolong ya Legare, Mme Makgato-Malesu o boletse fa dikereke di na le seabe mo go feng banana tsela e e siameng le go ba faposa mo dilong tse di bosula.
A re tshwaragano ya dikereke le puso e botlhokwa mo metlheng ya gompieno ka e ka thusa mo dikgwetlhong tse di lebaneng setshaba di tshwana le borukutlhi jo bo ileng magoletsa, go iphitisa dino le dipolaano tsa baratani.
O boletse fa mathata a a lebaneng setshaba a ngomola pelo mme gore a fenngwe go tlhoka tshwaragano ya puso le mekgatlho e tshwana le ya dikereke. A re puso ya lefatshe leno e fa mongwe le mongwe tshwanelo ya go obama kana go rapela kwa kerekeng e a e ikgethetseng le go sala tumelo ya gagwe morago.
Mme Makgato-Malesu o ne a galaletsa kereke ya FGAC go nna pelotelele ka tiro ya bone ya go kokoanya madi, ka go nnile le dikgwetlho pele tiro eo e tshwarwa. A re madi a a kokoantsweng ao a tla a thusa mo go baakanyeng dikago tsa kereke eo le go aga ofisi.
O boletse fa a itumelela moono wa go aga ofisi ya kereke eo, ka e tlaabo e dirisetswa dilo di le dintsi jaaka go sidila batho maikutlo. Tona o rotloeditse maloko a kereke eo go nna le tshepo mo Modimong le go nna le tumelo ya gore se ba se rapelelang ba tla a se bona; ka dikwalo tse di boitshepo di bolela fa se motho a se rapelelang e bile a na le tumelo, a tla a se bona.
Mme Makgato-Malesu o kopile kereke ya FGAC go nna ba supa dipoelo tsa bone ngwaga le ngwaga kwa go ba ikwadiso ya mekgatlho. A re mekgatlho ka go farologana e tshwanelwa ke go supa dipoelo tsa yone.
O ne a tswelela a re kwa ntleng ga go kokoanya madi ka meletlo, kereke eo e tshwanelwa ke go batla maano a mangwe a go dira madi ka go itsalanya le bo radikgwebo, maikaelelo e le gore ba ba thuse fa ba palelwang teng.
Tona o boile gape a kopa maloko a kereke ya FGAC go ikamanya le mananeo a puso gore a ba thuse mo matshelong a bone ka a diretswe Motswana mongwe le mongwe.
Mme Makgato- Malesu o ne abela kereke eo terata ya go agelela dikago tsa kereke, dimente di le lesome, ditilo di le masome a mabedi le go rekela balalediwa ba tlotla botlhe dijo tse di neng di rekisiwa kwa moletlong oo.
Mongwe wa maloko a komiti ya kereke ya FGAC yo o neng a bua mo boemong jwa modulasetilo wa kereke eo, Rre Hitler Gabanthate, o boletse fa kereke ya FGAC e sale e simolotse ka ngwaga wa 1939 kwa Aferika Borwa.
A re kereke eo e eme puso nokeng ka go inaakanya le mananeo a a farologaneng jaaka go ntsha madi ngwaga le ngwaga a isiwa kwa letloleng la masiela, go agela batlhoki le go abela batlhoki diaparo, dijo le tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Moletlo wa go kokoanya madi
Date : 11 Feb 2014






