BOCRA e rotloetsa tiriso ya boranyane
11 Feb 2014
Motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Sediegeng Kgamane o galaleditse lekalana la Botswana Communication Regulatory Authority (BOCRA) go aba dilaptop ga mmogo le porintara.
Fa a amogela dimpho tseo, Kgosi Kgamane o ne a tlhalosa fa makgotla a Setswana a tla inaakanya le ditlhabololo tsa maranyane mme ba tokafatse tiro ya bone. Kgosi o tlhalositse fa maduo mo tirong a tsile go fetoga ka ba na le dibala makgolo tse di bofefo go dira tiro.
O tlhalositse gore e re ka ba na le diofisi tse dintsi mo kgaolong ya Legare, ba tsile go kgaogana dibala makgolo tseo gore botlhe ba tokafatse maduo a bone.
E rile a tswa la gagwe, moemedi go tswa kwa lekalaneng leo, Rre Aaron Nyelesi a tlhalosa fa BOCRA e itlamile go tsamaisa melawana ya tiriso ya ditlhaeletsanyo e akaretsa seromamowa, poso, internet le mesokela tsebeng.
Rre Nyelesi o tlhalositse gore ba itebagantse le go bona gore a ditlhaeletsanyo di dirwa ka fa tshwanelong, ke ka moo ba sa iponang tsapa go abela makgotla a Setswana mpho eo gore le bone ba nne mo dinakong.
A re gantsi o fitlhela makgotla a Setswana a saletse kwa morago mo dilong di le dintsi ntswa ele bone ba ba santseng ba somaretse ngwao thata.
O ne a tlhalosa gore ka dimpho tse, makgotla a Setswana a kgaolo ya Legare jaanong a tla a somarela dikitsiso tsotlhe tse banang le tsone go itsa go nyelela.
Fa a latlhela la gagwe, Motshwarelela mookamedi wa makgotla a Setswana a kgaolo ya Legare, Mme Atlarelang Garetshwane o supile fa lekalana la BOCRA le ba dirile motlotlo fela thata, mme e bile ba tsile go tshwara dimpho tseo ka matsetseleko gore ba tle ba kgone go tokafatsa maduo mo tirong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Kabo ya dimpho
Date : 11 Feb 2014






