Batshu o akgola Roma
11 Feb 2014
Tona wa tsa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, o akgoletse kereke ya Roman Catholic maitlamo a yone mo tlhabololong le tokafatso matshelo a Batswana ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
E rile a bua mo tirong ya go abela Mme Toko Samson le Mme Seadimo Peloyame, kwa Kgope, matlo a mabedi a dikamore tse tharo kwa Gakuto mo kgalong ya Kweneng, a re kgatelopele ya kereke ya Roma mo go tlhabololeng matshelo a setshaba sa lefatshe leno e tlhoka go iteelwa legofi ka e bile dikereke di ka ithuta mo go yone go thusa go tokafatsa seemo sa botlhoki.
Tona a re moono wa kereke ya Roma wa go tshwenngwa ke seemo sa botlhoki jwa Batswana bangwe ke o o itumedisang, eseng fela ka gore ba tsibogetse boikuelo jwa ga tautona jwa go thusa go busetsa seriti sa Batswana bangwe ka go ba agela bonno, mme gape ele ka ntlha ya bogogi jo bo tlhomameng jwa kerere eo.
A re kgatelopele ya kereke eo mo go lwantsheng botlhoki e supa mowa wa neelano le tshwaragano ya boeteledipele le diphuthego tsa yone, a tlatsa ka gore maikaelelo a, a ne a ka se kgonege fa go ne go sa gogwe mmogo.
Rre Batshu, yo ebileng e le mopalamenete wa kgaolo ya Nhabe, a re seabe sa Batswana mo go thuseng go tokafatsa matshelo a bangwe ka bone se tiisa moko, a tlhalosa fa mo nakong eno batho ba feta makgolo a mane ba setse ba bone dithuso tsa go agelwa bonno; jaaka ele maitlamo a puso a go busetsa seriti sa ba ba tlhokileng lesego.
A re mananeo a tshwana le la Ipelegeng, a ditueleo tsa bagodi, a batlhoki le a mangwe, a ikaegile ka go tlhabolola botshelo jwa motho.
Matlo a mabedi ao a agilwe ke kereke ya Roma ka dithuso gotswa mo komponeng ya digase ya BC & LM, mme moeteledipele wa kompone eo, Rre Pius Cyriac, o kaile fa a simoletse thulaganyo e ka ngwaga wa 2002 mme a kgonne go fa malwapa a le 22 bonna go fitlha gompieno.
Bishop Valentine Seane wa kereke ya Romana Catholic, o kgothaditse Batswana go itlwaetsa mowa wa go abelana mme ba se kgatlhiwe ke go bonwa ka matlo a mantsi bangwe ka bone ba aperwe ke letlhoko.
O kopile maloko a kereke ya Roma go nna sekao sa phuthego e utlwelang ba bangwe botlhoko, a tswelela ka go supa fa kereke eo ena le dingwana tse some e tshegeditse moono o, a re malwapa a le 84 a setse a solegetswe ke thulaganyo e molemo jaaka fa kereke ya Roma e setse morago maitlamo a go neela.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Kgope, Rre Othusitse Moruakgomo, a re ba ne ba tsibogela seemo sa ga Mme Samson yo o nang le bana ba le bane, ka go bona a sotlegile thata, a robala mo hokong ya dikoko; mme ba ikuela mo phuthegong ya Roma e eneng ya tsaya boikarabelo, fa kwa Gakuto bogogi kwa motseng oo bo re bo gwetlhilwe ke gore Mme Peloyame a bo a ne a nna fela kwa masimo bana ba sa kgone le go tsena dikolo.
Mo mafokong a tebogo, Mopalamenete wa Kweneng Botlhaba, Major General Moeng Pheto, o ne a lebogela gore dikereke di bo di lemoga fa di lebaganwe ke kgwetlho ya go itse fa seabe sa bone se le botlhokwa mo go tlhabololeng tshaba ya lefatshe leno.
Rre Pheto a re Batswana ba tshwanetse go ithuta le go itisa ka go tlhopha dikereke ba le keletlhoko, e sare kgotsa ba iphitlhela ba jelwe ntsoma ke dikereke tsa bao ba batlang go ikhumisa ka mefufutso ya phatla tsa ba bangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotl
Location : GABORONE
Event : Kabo ya ntlo
Date : 11 Feb 2014






