Busetsang seriti sa kereke - kgosi
10 Feb 2014
Kgosi ya Paje mo kgaolong ya Legare, Kgosi Nagano Martin o kopile setshaba go busetsa kereke kwa seriting se e tlholegileng e itsiwe ka sone.
O buile seo kwa dithuto- puisanong tsa bakwaledi ba kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion kwa Paje ka mafelo a beke.
Kgosi Martin a re mo malatsing ano, kereke ga e sa tlhole e nale seriti ka jaana e le kgwebo e bile gape e le kwa dirukutlhi di iphitlhang teng, ka jalo a kopa kereke eo le setshaba ka kakaretso go sekaseka ntlha e mme ba busetse kereke mo seriting se se e tshwanetseng.
O kopile ba tsena dithuto-puisano tseo go tswelela ba gasa lefoko la Modimo le go sokolola setshaba. Kgosi Martin a re bana ba tshwanetse go rutwa bolemo jwa Modimo ba sale bannye gore ba gole sentle, e bile seo se ka fokotsa tiro tse dintsi tse di maswe tse di diragalang mo lefatsheng.
O tlhalositse gore gantsi batsadi ba tlogela bana kwa malwapeng fa ba ya dikerekeng. Mokwaledi mogolo wa bakwaledi ba kereke eo, Rre Samuele Siphiti o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go abelana dikitso go tokafatsa seemo sa kereke. A re ba bone gole mosola gore ba kopanye bakwaledi botlhe ba kereke ya bone mo lefatsheng leno.
O tlhalositse gore maikaelelo a dithuto puisano ke go ruta bakwaledi tiro ya bone, le gone gore ba ka thusa jang kereke. A re gape ba leka go tlhabolola bakwaledi ba bone gore e nne ba ba tshepagalang, ba itse molao motheo wa kereke ya bone mme e bile ba o diragatsa ka matsetseleko.
Rre Siphiti o gateletse gore ba tsile go abelana dikitso le go leka go itse dikgwetlho tse bakwaledi ba kopanang le tsone mo tirong ya bone gore ba ka dirarabolola jang. Fa a bula dithuto-puisano tseo, moefangedi Mme Francinah Lethapa o gakolotse bakwaledi go ema ka dinao ba itse fa e le matlho le ditsebe tsa kereke, ka jalo ba tshwanetse go nna ba le podimatseba ka nako tshotlhe.
Mme Lethapo o kgothaditse bakwaledi gore ba tswhanetse go ithuta le go abelana dikitso gore ba tle ba tokafatse seemo sa tiro ga mmogo le kereke ya bone. A re tiro ya mokwaledi ke go dira ka boineelo, bopelo telele, boikokobetso le lerato gore tiro ya bone e nne motlhofo.
O tlhalositse fa a itumeletse gore bogolwane jwa kereke bo dumelane le go tsisa dithuto- puisano tseo kwa motseng wa Paje ka gore maikaelelo a bone ke go isa kereke kwa setshabeng.
A re motse wa Paje o monnye mme e bile kereke ya bone mo motseng oo, ke yone ya bofelo go bulwa ka jalo e tlhokana le thotloetso e e tseneletseng gore e gole le banni ba motse ba e tsene. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Thuto-Puisanyo
Date : 10 Feb 2014






