Breaking News

Khansele ya Palapye e abela mo-na-le-bogole

10 Feb 2014

Mokwaledi mo khanseleng potlana ya Palapye, Rre Koti Molefi  o kgothaditse batho go nna le lerato la go tlhokomela bana-le-bogole e seng fela fa ba isa dimpho tsa bopelotlhomogi  ba bo ba ba itlhokomolosa.

A  re  seo ga se lone lerato la Modimo. O buile jalo kwa Lecheng fa ba iseditse lelwapa la ga Mme Oaitse Nkgaswe wa monale- bogole  melora. Mpho eo e tla  jaana morago ga gore makhanselara  le bogogi jwa khansele bo etele Mme Nkgaswe go ya go mo lekola, mme ba bona go tshwanela go mo tlogelela melora le P1 400 go reka tse a di tlhokang.

E rile a lebaganya mafoko le Mme Nkgaswe , Rre Koti a mo itsise fa e le sekgantshwane sa lefatshe la Botswana ka a itsege ka go bonwa mo ditshwantshong tsa motshikhinyego ga ntsinyana, se se raya gore Batswana ba supa kgatlhego le go kgathalela bangwe ka bone.

Fa a amogela dimpho tseo  Mme Nkgaswe a bolela fa a  itumetse bogolo jang  fa a bona batho ba tlile go mo tlhola le go mo abela madi go itshetsa ,a re se ke thulaganyo ya Modimo. 

O ne a re ene o ne a solofetse  gore khansele e tla ka go araba selelo sa gagwe sa go mo direla bodilo mo lwapeng la gagwe gore a seka a sokola fa a kgweetsa kolotsana ya gagwe.

Mokhanselara wa kgaolo eo, Rre Charles Mabjweng  o lebogetse  khansele potlana ya Palapye go tlisa lorato mo kgaolong ya gagwe ka go tla go lekola Mme Nkgaswe. 

A re ba komiti  ba tlogetse masimo go tla go pata Mme Nkgaswe go amogela baeng ba gagwe.  O boletse fa Mme Nkgaswe e le motho yoo tlhaga thata mo go berekeng le fa a nale bogole a sa nne fela a leka go dira fa a kgonang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Kabo-dimpho

Date : 10 Feb 2014