Breaking News

Rekegelang tikologo - Mosadi

10 Feb 2014

Go bolelwa fa Batswana ba bogologolo ba ne ba itse go somarela tikologo, ba itse fa go sa rengwe ditlhare dingwe jaaka mokgalo le mosetlha ka nako e e rileng.

Mafoko a, a boletswe ke kgosikgolo ya Balete, Kgosi Mosadi, fa a ne a amogela batsena  thuto-seka-dipuisano ya phetogo ya loapi, e e neng e rulagantswe ke ba Kalahari Conservation Society.

Kgosikgolo o supile fa Batswana ba ne ba rema ditlhare ka go di kgaola, gore di tle di kgone go tlhoga gape, a bo a bolela gape fa tsela e ne ya fapoga fa ba sena go tsaya boipuso; batho jaanong ba bo ba simolola go tsietsega.

Kgosi Mosadi o boletse gore mo bosheng mo kgaolong ya ga Malete ba ne ba tswa letsholo la go tsena mo kgaolong go lekola mafelo a tlholego jaaka Lentswe la Baratani mme ba fitlhetse a leswefatsa fela thata.

O tlhalositse fa ba fitlhetse batho ba itirela jaaka ba rata mo mafelong ao, a bua jalo a lebile Lentswe la Baratani, le a boletseng fa kwa go lone bontsi jwa batho ba ba fitlhetseng e le batho ba dikereke tse di farologanyeng, e bile ba tswa kwa mafelong a a farologanyeng a lefatshe leno, a tlatsa ka go supa fa mo go bone go ne go le Molete a le mongwe.

E rile a tswa la gagwe, Dr David Lesolle, a tlhalosa fa maikaelelo e le go lemotsha batho ka phetogo ya loapi le gore e ba ama jang. Rre Lesolle o tlhalositse fa mo Botswana go supagala fa lefatshe le thuthafala, mariga a sa tlhole a le bogale thata; fa dipula tsone di sa ne ka nako e e tshwanetseng.

A re dipula tse di gosomanang le tsone di oketsegile, fa malwetse a malaria o ne a bonala mo dikgaolong tse a sa tlwaelesegang mo go tsone. O boletse gape fa tse di dirwa ke gore batho ba kgotletse loapi ka go tshuba naga le gone go remakaka ditlhare.

Dr Lesolle o boletse fa phetogo ya loapi e ama tsotlhe ka sengwe le sengwe se felela se fetoga; ka jalo se batho ba ka se dirang ke go amogela diphetogo tse kana go emisa tsotlhe tse di ka kgotlelang loapi.

E rile ba mo kgwa kgaba, batsena thuto-seka-dipuisano eo, ba tlhalosa fa ba itemogela phetogo ya loapi, ka jaana go na le mogote o o feteletseng, dipula tse di boutsana le go nyelela ga ditlhare dingwe.

Ba tlhalositse fa pula le yone e na morago ga nako, mme Batswana ba sa ntse ba tsiediwa ke phetogo e, mme ka jalo go tlhoka gore ba rutwe thata ka dilo tsa go nna jaana, gore ba tle ba kgone go itepatepanya le diphetogo tse di teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Thuto-puisano ya phetogo ya loapi

Date : 10 Feb 2014