Komiti e kgala batsadi
10 Feb 2014
Maloko a komiti ya batsadi le barutabana kwa sekoleng se segolwane sa Maun ba re ba tshwenyegile ka batsadi bangwe ba ba gogang maoto mo thutong ya bana ba bone.
Ba ikuetse mo go Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Dr Pelonomi Venson-Moitoi fa a ile go lekola sekole seo bosheng. Ba re batsadi le fa ba bilediwa merero ya bana ba bone mo sekoleng ba nna moriti o tsididi fela.
Ba re go le gantsi ba tla fela dikole di bulwa mme go tsweng foo ba tsena ka lenga la seloko. Ba re dikgwetlho tse sekolo se lebaneng le tsone di rotloediwa ke go tlhoka go tshwaraganela thuto ya baithuti le batsadi.
Ba re baithuti bangwe ba tlhaela le yone tlhokomelo kwa malwapeng ka ba nna ba le nosi fa batsadi ba bone ba le kwa merakeng.
Ba tlatsa ka gore seemo se se rotloetsa botlhoka tsebe mo baneng ka ba sena ope yo o ba kgalemang. Mothusa moeteledipele wa komiti, Mme Mavis Mafuta o boletse fa batsadi bangwe ba sa tlotle barutabana ka jaana ba dirisa mafoko a a maswe fa ba bua le bone, se se tsala tlhoka tirisano mmogo.
Le fa gontse jalo Mme Mafuta a re komiti e dira maiteko go tlhabolola sekole a supa fa ba kgonne go agelela ka lobata ka jaana sekole se ne se fetogile lesaka la diruiwa.
Fa a iteela kobo moroko, modulasetilo wa khuduthamaga ya sekole, Mme Olga Seretse o ne a tlhalosa fa go tlhoka kemo nokeng ya batsadi mo thutong ya bana go digela maduo a sekole kwa tlase.
A re ke boaamaruri gore batsadi bangwe ba dirisa mafoko a a maswe fa ba buisa barutabana. Mme Seretse o tsweletse a re go lebega thuto e tlhaela mo batsading ka ba sa kgathale ka bokamoso le botlhokwa jwa thuto mo baneng ba bone.
Fa a ama kgang ya madubadube a a neng a aparetse sekole ngogola, Mme Seretse o ne a tlhalosa fa maiteko a dirilwe go sidila baithuti maikutlo ga mmogo le barutabana.
A re ba dumalane ka bongwe fela jwa pelo go ikgolaganya le ba komoti ya baruti go batla tharabololo mme a supa fa maiteko a tsweletse ka ba emetse baithuti ba lokwalo la bone go goroga ba tle ba simolole tiro.
O boletse fa ba ikemiseditse go dira ka natla go phepafatsa le go tlhabolola maduo a sekole ngwaga one. Fa a tsibogela dikgang tseo, Dr Venson-Moitoi o tlhalositse fa a itse ka maitsholo a a makgasa a baithuti.
A re o utlwaletse dikgang tseo kwa diphuthegong tsa kgotla gore baithuti ba nna fela kwa mafelong a maitiso. O kopile ba lephata la thuto mo Maun go tla ka methale e e ka rarabololang mathata a sekole. A re ba ka ikgolaganya le magosana go ba thusa go lemotsha batsadi botlhokwa jwa thuto. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Leeto la ga tona
Date : 10 Feb 2014






