Breaking News

Monana o inaakanya le mananeo

07 Feb 2013

E re ka puso e tsweletse ka go phatlalatsa mananeo a nyeletso lehuma mo lefatsheng ka bophara, bangwe ba banana ba setse ba itlhametse ditiro ka go inaakanya le one.

Mongwe wa banana ba, Rre Nyalane Mabenge wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi wa kgotlana ya Madikwe kwa Tutume, o simolotse go inaakanya le dithendara tsa nyeletso lehuma ngogola.

A re o simolotse a sena go bona thendara ya go dira dimausu tse di neng di neelwa batho mo malwapeng ke lephata la boipelego, e le nngwe tsela ya go inola bomme mo lehumeng ba ba neng ba sa tswa go tsena ithutuntso ya dikgwebo tse dipotlana.

Rre Mabenge, yo o nang le setlankana sa go betla, a re o dirile dimausu di le thataro tse di neng di abelwa batho kwa kgaolong ya Tutume.

O tlhalositse gore ka a ne a sa bereke, o bone gore a inamole mo lehumeng ka go simolola kgwebo ya go nna jalo. A re mo nakong eno, o inaakantse le tiro ya go direla batho ditshingwana tsa merogo mo malwapeng, mme o solofela go nna mongwe wa ba ba tlaa bong ba ya ithutuntshong ya mananeo a dikgwebo tsa banana e e tlaa tshwarwang mo bogautshwaneng gore le ene a kgone go simolola kgwebo ya gagwe.

O gwetlhile banana go nna ba iteka lesego le go tlogela go itsapa ba re tiro e bokete. A re le fa e le ditiro tsa nakwana e ne ga a iponatse tsapa e bile o setse a kgonne go ikagela ntlo ka lone lemmenyana le a le tshwarang ka dithendara.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Agnes Nchinyi

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 07 Feb 2013