Breaking News

Palapye e agetswe matlo a feta masome a matlhano

09 Feb 2014

Kgaolwana potlana ya Palapye mo kgaolong ya Legare e gaufi le go wetsa matlo a Turn Key a le masome matlhano le bosupa.

Gantsi matlo ao a agelwa batho fela kwa ntle ga dituelo dipe, ditshenyegelo tsotlhe tse di akaretsang  dituelo tsa moagi le di dirisiwa tsa kago ke maikarabelo a puso.

Go ya ka mogolwane wa motshwantshi  wa moalo wa matlo  mo kgaolwaneng potlana ya Palapye, Rre Edward Nakedi  matlo a, a simolotswe go agiwa ngogala ka Ngwanatsele,  ke  dikonteraka  tsa mono gae tse di farologaneng  di ferabobedi  ka seelo sa P45 000 ntlo e le nngwe.

Mo kagong e, boradikonteraka  ba ne ba filwe sebaka sa kgwedi tse tharo gore ba bo ba weditse matlo, go lebeletswe seemo se bangwe ba neng  ba le mogo sone go sena le fa ba latsang tlhogo teng, mme go fitlha jaana ga a ise a wele, le fa mangwe a one e le a a ka tshabelang dipula le diphefo ka a setse a ruletswe.

Bo radikonteraka ba ne ba okelediwa  nako go fitlhelela kgwedi eno ya tlhakole ele lesome le botlhano gore  ba bo ba weditse matlo ao.

Matlo a agiwa go remeletswe thata mo goreng motho ka namana a fiwe sone seriti sa  bonno se puso e buang ka sone e sa kgale mathe.  

Rre Nakedi o supile fa motho yo o tla newang ntlo a sekasekiwa pele  fela jaaka e le tsamaiso go itsa dikgang tsa gore go agetswe motho ka botsala.

Matlo ao, a agilwe mo metseng ya dikgaolo tsa mapalamente a a farologaneng a akaretsa  Tswapong Bokone, Mmadinare,Serowe Borwa le Serowe Bokone Botlhaba. Tsholofelo ke gore fa a fetswa ,  beng ba a neelwe ka bofefo jo bo  kgonagalang go lebeletswe seemo se se sa iketlang sa loapi.

E rile a latlhela la gagwe mokwaledi wa khansele ya kgaolo potlana ya Palapye Rre Koti Molefi,  a re go nnile bonya thata mo kagong ya matlo ao, mo baneng ba patelesega go ntsha ditiro dingwe tsa dikago mo go borakontereka  ba  ba neng ba lebega ba saletse morago fela thata le yone nako e e okeditsweng baka seke ba e fitlhelele.

A re seo ba ne ba se dira ka puisano le ditumelano le dikonteraka ba lebeletse mabaka otlhe a a ka tswang a tsetse  go diega ga go wediwa ga tiro eo mo dikgaolong dingwe jaaka kwa Maunatlala. A re gongwe gape ba ne ba imetsa dingwe dikonteraka morwala wa tiro ka go ba neela matlo a mantsi ba sena di dirisiwa tse di lekaneng tiro eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 09 Feb 2014