Makhanselara a ngongorega ka ba boipelego
09 Feb 2014
Makhanselara a kgaolo potlana ya Letlhakeng a re bodiredi jwa ofisi ya boipelego gammogo le di dirisiwa tsa mananeo a nyeletso lehuma di a tlhaela mo kgaolong ya bone.
Dikgang tseo di dule kwa phuthegong ya khansele potlana eo bosheng. Fa ba akgela mo molaetseng wa modulasetilo wa khansele potlana eo Rre Tshoganetso Leuwe, makhanselara ba supile fa kgaolo potlana ya Letlhakeng e aperwe ke mathata a tlhaelo ya bodiredi jwa boipelego.
Ba re ba tshwenyegile ka go tlhoka go tsibogela letlhoko la bodiredi jwa boipelego ka nako ba tlhalosa fa seo se baya batho ka fa mosing. Ba ne gape ba ikuela ka tiego ya go tsisa didirisiwa tsa mananeo a nyeletso lehuma , ba re seo se dira gore batho ba seka ba akola mananeo ao sentle.
Fa a ntsha la gagwe mokhanselara wa Takatokwane Mme Neo Segaise o boletse fa mananeo a nyeletso lehuma kwa Takatokwane a sa tsamaye sentle. A re batho ba ba amogetseng mananeo ao ba saletse kwa morago ka ba sa fiwe thutuntsho e e lolameng ya go tlhokomela leruo le ba le filweng.
O ne gape a bolela fa go na le tiego ya di dirisiwa mme seo se baka gore batho ba salele kwa morago. O tsweletse a bolela fa kwa kgaolong ya gagwe ba nna fela go sena modiri wa ofisi ya boipelego, jalo seo se baya banni ka fa mosing ka ba sa bone dithuso fa modiri yoo a seo. Mme Segaise o ikuetse mo pusong go fefosa go thiba phatlha fa modiri a hudisiwa kgotsa a ya sekoleng.
Makhanselara ba supile fa bontsi jwa batho ba ba filweng mananeo a nyeletso lehuma ba lebanwe ke kgwetlho ya go tla thari ga di dirisiwa tseo. Ba nankotse mafelo jaaka Malwelwe, Takatokwane, Botlhapatlou e le mangwe a a itemogetseng bothata jwa go tla thari ga di dirisiwa tsa lenaneo la nyeletso lehuma. Mokhanselara wa
Moshaweng Rre Tshepiso Lesope ene o ngongoregile ka bodiredi jwa boipelego mo kgaolong ya gagwe a tlhalosa fa go sena tsamaiso e e lolameng gotlhelele kwa Moshaweng.
O ne gape a supa fa a sa itumelele tsamaiso ya ba boipelego ya go kanoka batlhoki. Mo go tse dingwe makhanselara ba ne gape ba ntsha selelo ka seemo sa ditsela mo kgaolong potlana eo. Ba kaile fa seemo se sa jese diwelang mo metseng ya Salajwe, Ngware le Botlhapatlou. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kamogelo Nkile
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 09 Feb 2014






