Breaking News

Balwala tlhaloganyo ba tlhoka tlhokomelo

09 Feb 2014

Mooki mo sepateleng sa Sbrana kwa Lobatse, Mme Mary Segokgo a re balwetse ba tlhaloganyo ke batho fela jaaka mongwe le mongwe, ka jalo ba tlhoka go fiwa lerato le tlhokomelo e e tshwanang le ya batho ba bangwe.

Fa a bua kwa segopotsong sa  go gopola ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya HIV/AIDS kwa Pitsane bosheng,  Mme Segokgo o ne a tlhalosa fa bolwetse jwa tlhaloganyo bo sa fole mme  fa molwetse wa jone a fiwa lerato ebile a tlhokomelwa nako tsotlhe, o nna botoka.

O ne gape a kopa batsadi le ba ba nnang le balwetse ba tlhaloganyo go bona gore ba nwa dipilisi tsa bone ka nako  le gone go ba isa bongakeng ka nako e e beilweng, a supa fa go le gantsi ba leselediwa fela ba sa  thusiwe.

A re bangwe ba  na le mokgwa wa go  bitsa balwala tlhaloganyo maina mme o kopile gore go emisiwe mokgwa oo. O boletse fa bolwetse jwa tlhaloganyo bo tsalwa ke go koafala ga tlhaloganyo mme bo ama boboko, a tlatsa ka gore  molwetse wa teng o lemogiwa ka boitshwaro jo bo sa tlhwaelesegang  jo ene molweste a sa bo lemogeng  mme a lemogiwa ke ba bangwe.

Mme Segokgo o tlhalositse  fa ditagi,dikgwetlho mo matshelong a batho ka go farologana, go tlhaela dikotla, dikotsi tse di amang tlhaloganyo le bolwetsi jwa letshoroma e le dingwe tse di ka  bakang bolwetsi jwa tlhaloganyo.

O gakolotse setshaba go nna kelotlhoko nako tsotlhe fa ba  na le molwetse wa go nna jalo. O tsweletse a re  dingwe dikai tsa molwetsi yoo  ke  go palelwa ke go robala,mo go dirang gore   motho wa go nna jalo a tsoge makuku thata pele ga mongwe le mongwe. O tladitse  ka gore  molwetsi o kgona le gone go supa go tlhoka kgatlhego mo botshelong.

A re go le gantsi ba masika ba tla a bo ba  lesa  molwetse a tsamaya thata ba  sa tlhokomele go ja ga gagwe ka jalo o felela a latlhegelwa ke mmele.  Mo go tse dingwe Mme Segokgo o kopile bomme go emisa mokgwa wa go loba bo rrabana. A re  bana ba felela ba amega  tlhaloganyong. fa bommaabone ba  gana go ba bolelela maina a borraabone.

O supile  fa ba kopana le balwetse ba go nna jalo ba bontsi jwa bone e leng bana.

O tsweletse  a re ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itse batsadi ba gagwe botlhe, a tlatsa ka gore go ngomola pelo go bona ngwana a amilwe ke bolwetsi  ka ntlha ya motsadi wa gagwe. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : LOBATSE

Event : Segopotso

Date : 09 Feb 2014