Breaking News

Baithuti ga ba rekegele tiriso ya tsela

07 Feb 2013

Banni ba Serowe ba re ba tshwenngwa ke boitshwaro jwa bana ba dikole ka ba sa rekegele tiriso ya tsela.

Bontsi jwa ba ba supileng matshwenyego, ke bakgweetsi, ba ba tlhalosang fa tshoso e rweleng e le baithuti ba sekole se segolwane sa Swaneng Hill ka jaana ba gobeya mo ditseleng tsa dikoloi fa sekole se tswa mme e bile ba se na sepe le pabalesego ya bone.

Ba re bana ba, ba kgona go tsamaya fa gare ga tsela ba sa lebe dikoloi e bile ba tlola tsela gongwe le gongwe.

Mogokgo wa sekole seo, Mme Gabalape Autlwetse, o tlhalositse gore mo gongwe bana ba, ba kgona go dira mosuke fela o motona mo tseleng, mo dikoloi di felela di sa tsamae go fitlhelela ba itherolola ba di sutela.

Mme Autlwetse a re ba lekile makgetho a le mmalwa go tsibosa bana ka ipabalelo tseleng mo diphuthegong tsa bone tsa moso le moso mme ga gona pharologanyo.

A re seemo se, se a tshwenya e bile se tlhoka tshwaragano ya batsadi, barutabana le makalana a bodirelapuso ka kakaretso, segolo bogolo lephata la ipabalelo tseleng.

Mogolwane wa mapodisi a Serowe, Rre Paul Molapisi, a re setshaba ka kakaretso se tshwanetse sa rutwa ipabalelo tseleng. O tlhalositse fa ba tlaa baya leitlho metsamao ya bana ba sekole gore ba tsibogele mathata mangwe le mangwe a a ka tlhagogang.  Le fa go ntse jalo o supile fa go ise go nne le kotsi epe ka ntata ya bana ba.

Mogolwane wa lephata la ipabalelo tseleng kwa Serowe, Mme Pearl Kasweka, o tlhalositse gore ba lekile makgetho a le mantsi go ruta baithuti ka ipabalelo tseleng, a tlatsa ka gore ba na le dikgaisanyo tsa dikole tse dipotlana le tse dikgolwane go leka go tsibosa bana ka mosola wa ipabalelo tseleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mboy Modimowetsho

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya batsadi le barutabana

Date : 07 Feb 2013