Koketsego ya palo ya batlhoki e a tshwenya
06 Feb 2014
Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Tshoganetso Leuwe a re o tshwenngwa thata ke go oketsega ga dipalo tsa batho ba ba tsenang mo lenanenong la batlhoki.
E rile fa a bula semmuso phuthego ya khansele-potlana eo mo bosheng, mokhanselara Leuwe a re dipalo tsa batho ba go nna jalo di tsweletse ka go oketsega le ntswa go na le mananeo a puso a a rotloetsang batho go itirela matshelo.
O ne a ikuela mo makhanselareng a mangwe go emisa go ema nokeng batho ba ba boitseme go tsena mo ditirong tsa tlhabololo itsholelo ba gabile gore ba tlaa kwadisiwa mo botlhoking. Mokhanselara Leuwe a re mo nakong eno go setse go dirisitswe madi a a ka tshwarang P9 million mo lenaneong la botlhoki.
Mabapi le tsa nyeletso lehuma, Rre Leuwe a re go nnile le tokafalo mme a gakolola gore go ka nna ga tlhagoga dikgoreletsi ka ditlhotlhwa tsa dithoto di tsweletse ka go golela pele.
A re seemo se se ntseng jalo se gwetlha gore jaanong go itebaganngwe le tlhabololo ya dikitso, kgwebo le go itshimololela dilo. A re dilo tse ke tsone di ka kgonang go godisa itsholelo le go tlhama mebereko.
O kopile gore go dirisanngwe go thusa bao ba ba filweng dithuso gore dikgwebo tsa bone di tswelele, gore go nne le seemo se mo go sone go ka nnang le kgwebo e e atlegileng le dikitso tsa go itshimololela dilo.
Mokhanselara o ne a bolela fa a tshwenngwa ke gore lefa thulaganyo ya Ipelegeng e tokafatsa matshelo mo magaeng, kgwetlho e tona ke go palelwa ke go ntsha maduo ga ba ba neetsweng dithuso tseo. O gakolotse makhanselara ka ene go tlhomamisa gore ba lwantsha mokgwa wa boitseme mo bathong mme ba ba thuse go itlhabolola.
Phuthego eo e ne ya bolelelwa ka go wediwa ga matlo a le 22 a batlhoki mo kgaolong potlana eo ngogola, le go agiwa ga matlwana a boitiketso kwa malapeng a bone ba ba thusitsweng bao.
Kgaolwana eo e na le thulaganyo ya go agela batlhoki matlwana a boitiketso a mahuti go na le a metsi ka go bo metsi a tlhaela mo kgaolwaneng eo.
Mabapi le tsa dibetso tsa tlholego, mokhanselara Leuwe o boletse gore e ne ya re mo kgweding ya Sedimonthole ngogola kgaolwana ya tlhagelwa ke dibetso tsa tlholego kwa Serinane le Salajwe fa metse e mebedi eo e ne e tlhaselwa ke dipula tsa matlakadibe le sefako tse di tlogetseng go sentswe malwapa a le matsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 06 Feb 2014






