Breaking News

Komiti ya batsadi le barutabana e kopa kemonokeng

06 Feb 2014

Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana ya sekole sa Morama kwa Jwaneng, Rre Kabelo Gothaang o kopile batsadi ba baithuti ba sekole seo go ema dikeletso le maikaelelo a komiti eo nokeng gore ditiro tsa yone di tle di atlege.

O tlhalositse mo phuthegong ya batsadi le barutabana gore sekole sa Morama se lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya tlhaelo ya didirisiwa tsa dithuto tsa diatla mme komiti ya gagwe e ikemiseditse go kokoanya madi gore e thuse mo dilong tse puso e tlhaelang mo go tsone, ka jalo e ka kgona fela ka kemo nokeng ya batsadi.

O boletse fa gape mabala a se mo seemong se se siameng, ka jalo a kgothatsa batsadi gore ba tsenye letsogo gore go thapiwe batho ba ba tla a baakanyang gore bana ba kgone go tsenelela metshameko.

Modulasetilo gape o boletse fa mo bogaufing go tlaa nna le khupele khupele e le tsela nngwe ya go kgobokanya madi go thusa sekole.

O kopile batsadi go ntsha dithuso dipe fela tse ba nang le tsone gore tiro ya mofuta o e atlege. Le mororo ba lebanwe ke dikgwetlho, Rre Gothaang o supile fa ba kgonne ditiro dingwe mo ngwageng o o fetileng.

A re ba ne ba tsenya dibalamakgolo le maranyane a enthanete mo sekoleng gammogo le gone go aga meriti ya dikoloi. A re  ba ikaelela go tokafatsa ka fa ba tlhaeletsanyang le batsadi ka teng,  ka jalo mo nakong e e tlang ba tla a phatlhalatsa ditaletso tsa diphuthego  ka melaetsa ya megala ya lotheka.

A re ba lemogile fa se se ka tswa maduo ebile go netefatsa le gone gore batsadi ba bone ditaletso tsa diphuthego.

Le fa go ntse jalo, modulasetilo o supile fa a le ‘bete se molangwana ka gore bontsi jwa batsadi ga bo tsene diphuthego le ntswa go buiwa ka bokamoso jwa bana ba bone.

A re go tlhoka go tsena diphuthego mo go na le seabe se se golo mo maduong a bana a ditlhatlhobo gammogo le leina la sekole.

O tlhalositse fa mo bogaufing go tlaa nna le phuthego ya batsadi ba bana ba ba dirang mophato wa boraro, ka jalo a ba kgothatsa go ititaya ka thupana go tla ka makatlanamane gore go buisanngwe ka ditsela  tse di ka  thusang bana go tswa ka maduo a a  botoka  mo ditlhatlhobong tse di tlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Phuthego ya batsadi le barutabana

Date : 06 Feb 2014